Naledi

Sekole sa Regent se tlontlomolotswe

 

Tona ya Lephata la Merero ya Sechaba, Tsa Mesepele le Bong, Tshenolo Mabeo a re lephata la gagwe lekile la dira ditshekatsheko tse di itebagantseng le babereki ba batswakwa ba ba berekelang mo dikoleng dingwe tsa mono Botswana. A re maikaelelo magolo ene ele go dupa gore ke batswakwa bale kae ba ba direlang mono ba sena diteseletso.

Mabeo o ne a begela Palamente ka se, fa a ne a araba potso e boditswe ke mopalamente wa Gabane-Mankgodi, Major General Pius Mokgware bosheng kwa Palamenteng.

Se se builwe morago ga potso ee neng e boditswe ke Mopalamente wa Gabane-Mmankgodi, Major General Pius Mokgware a botsa Tona wa Lephata la Ditiro, Labour Productivity and Skills Development, Tshenolo Mabeo gore ba kile ba dira ditshekatsheko tsa babereki ba batswakwa ba ba berekang mo dikolong gore ba nale tetla eo.

Mokgware o ne a batlile go itse go re a lephata la ga Mabeo ga le ise le dire dipatlisiso ka seemo sa batswakwa ba ba berekelang mono Botswana mme ba sena diteseletso. O ne gape a batla go itse go re a go dirilwe ditshekatsheko mo dikoleng tsa thuto ya modi wa sekgoa tse di akaretsang tsa Regent tsa kwa Metsimotlhabe, Molepolole le Block 9.

Mabeo o bile a tswelela ka gore, mo palong ya babereki ba batswakwa, ba le masome a mararo le boraro (30) ba ba berekang mo dikoleng tse tlhano tsa Regent, ba le masome a mabedi le bofera bobedi (28) ba na le di pampiri tsa teseletso tsa go bereka, fa ba le bararo (3) ba sena dipampitshana tsa go bereka, fa bobedi (2) jone, bo emetse phetolo go tswa kwa diofising tsa, tsa mesepele.

Mabeo a re, lephata la gagwe le lekile go sekaseka seo, ka go ikopanya le bahiri le bahiriwa go buisana ka dikgang tsa mofuta o. A re Batswana fa ba nale matshwenyego mangwe mabapi le dikgang tse, ba na le tshwanelo ya go ikuela kwa lephateng la gagwe.

Tona Mabeo a re ntswa potso ya ga Mopalamente Mokgware ele maleba, lephata la gagwe le tsweletse ka go ela tlhoko seemo seo, ka ebile Batswana ba lela thata ka dingwe tsa dikole tse di thapang batswakwa ntsa ba sena diteseletso tsa go bereka mono.

O tlhalositse fa ba nale dikgwetlho tsa ditsompelo tsa go sekaseka dingwe tsa dikgang tseo, mme ba leka go latedisa motlhala wa dikgang tsa mothale o.