Naledi

E larile kwa Hukuntsi

 

Seemo se, se tla jaana e rile ka peo ya ga Kgosi Moapare ka ngwaga wa 2015, ga nna le ketseetsego ya gore ke mang yo o tla mo tshwarelelang, ka a santse a ile majako kwa lekalaneng la LEA. 

Ya re go ntse jalo, Kgosi Moapare a nopola Tshweneyagae go mo tshegeletsa setilo. Tshwetso e bangwe ba bo rangwanaagwe ba sa e itumelelang. 

Kgosi Moapare o tlhomilwe go nna Kgosi ya Hukuntsi ka Motsheganong wa 2015, morago ga go tlhokafala ga ga rraagwe ka 2012, eleng Pesalema Moapare.

Mo potsolotsong le mongwe wa bo rangwanagwe Kgosi Moapare IV, Marang Moapare, o boletse fa tsamaiso ya go tshwarelela bogosi, e ne ya seka ya salwa morago sentle.

A re ba lekile go gakolola Kgosi Moapare gore tsamaiso ya go tlhopha motho yo o tshwarelelang bogosi, e tshwanetse go simologa kwa lwapeng pele.

A kgakololo ya bone e ne ya seka ya tsena mo go tsoo pedi tsa ga Kgosi Moapare.

Marang Moapare o tsweletse a tlhalosa gore, e ne e re fa Kgosi Moapare a tshwanetse go ba rerisa pele, a bo a bitsa phuthego ya kgotla ya Magobelelo e e bontsi eleng borra Tshweneyagae, selo sea reng ga se a ba itumedisa.

A re se se makatsang ke gore, ka nako ya fa bogosi jwa bone boneng bo sa robalelwa ke ditlhokwa, boora tshweneyagae ba ne ba itirile moruti o tsididi.

A re ba swabile nko go feta molomo ka gore, motho yo o tshwareletseng setilo sa bogosi gompieno, ga se motho yoo o kileng a nna mo Hukuntsi ka ane a kgarakgatshega le mmereko wa puso, ka jalo gone go sethona go tlhophiwa ga mongwe yo o ntseng ale gaufi le tiro ya bogosi, gape ele wa lelwapa la bogosi jwa boora Moapare.

“Selo se Kgosi Moapare a se direleng se amile motse wa Hukuntsi thata, mme ebile jaanong se kgoreletsa thitibalo mo motseng.

Batho e bile ba botsa jaana gore, re tsamaisa jang dilo tsa kgotlana ya rona jaaka e kare ga se rona re tshegeditseng bogosi jwa motse,” Marang a rialo.

E rile a tsibogela kgang eo, mothusa kgosi ya Hukuntsi, Kgosi Molaodi Leipego a dumalana le mafoko a borangwanaa Kgosi Cosmas Moapare gore, tshwamaiso eo, ga e rerwa sentle, eleng go tlhomiwa ga ga Tshweneyagae.

A re thulaganyo e ne e tshwanetse go simologa kwa lwapeng mme morago dirwe pilediwa kwa kgotlaneng, pele ga go kwa bolelelwa morafe wa Hukuntsi ka kakaretso. 

Leipego o ne a tswelela a tlhalosa gore, le e ne o ne a seka a bolelelwa sepe o tswa go utlwa leina la ga Tshweneyagae kwa kgotleng jaaka mongwe le mongwe, a tlatsa ka gore o ne a solofetse gore go tla tshwarelela rrangwanaagwe kgosi e bong Samase Moapare.

E rile a tswa la gagwe, motshwarelela Kgosi Moapare, Merapelo Tshweneyagae, a re ga a gakgamadiwe ke go utlwa dikgang tsa dinonyane tse di golelang pele mo Hukuntsi.

A re o tlhaloganya gore sepolotiki sa bogosi jwa Hukuntsi ga ise se ko se fele. 

A re se batho ba tshwanetseng go se itse ke gore, le ene o tswa mo mading a bogosi.

A re rraagwemogolo e bong Tshweneyagae, e ne e le monnawe Moapare wa ntlha ka jalo le ene wa amega mo bogosing jwa Hukuntsi ka e se motshwakwa.   A re molao wa bogosi o fa Kgosi Moapare IV dithata tsa go tlhopha mongwe le mongwe yo a batlang go mo tshwarelela, a tlatsa ka gore ga go sepe se se sa siamang se Kgosi Moapare a se direleng.  Maiteko a go ikgolaganya le Kgosi Cosmas Moapare IV, a retetse ka mogala wa gagwe o ne o sa arabiwe.