Naledi

Puso e kgothatsa banana

Kalaote o buile se bosheng kwa bokopanong jwa go rutuntsha le go tsibosa banana ka ditshono tse di ka ba thamelang ditiro, le go ba thusa go simolola dikgwebo.

Bokopano jo, jo boneng bo rulagantswe ke Khansele ya Banana (BNYC) bo ne bo ngokile makalana a e mmalwa a puso, dikompone tse di ikemetseng ka nosi, ga mmogo le Makgotla a a ikemetseng ka nosi.

Kalaote o ne a re, go ya di tshekatsheko tse di dirilweng le lephata la Papadi le Madirelo ka ngwaga wa 2016, di supa fa dikete di ka nna makgolo a mane le masome a a robang bobedi, ga ba na ditiro tsa se nnela ruri.

Are bontsi ba dira ditiro tsa boithaopo le ba ba sa berekang gotlhelele.

A re maano a lephata la gagwe a go tsibogela seemo se, ke go rutuntsha diagolane ka ditiro tse di farologanyeng, tsa dikompone ka go farologana.

A re go dira jalo ke go ba fa tshono ya gore ba itshupe bonatla le bokgoni, pheletsong ba thapiwe.

Kalaote, o tlhalositse gore, seemo sa letlhoko la ditiro se tla tokafala fela fa itsholelo ya lefatshe la Botswana le yone e tokafala.

Letsatsi leo, le ne ngokile dikompone tsa Career Pools, banka ya Barclays, lekgotla la Stepping Stones.