Naledi

Puso e diega ka dikarabo

Le fa gone go atle go nne le dikgatiso tse di sa rurufadiwang mo go tseneletseng, sebe sa phiri ke gore le yone puso e tshwanetse ya itshekatsheka mabapi le seemo se. Gangwe le gape, makwalodikgang a romela mekwalo ya dipotso kwa maphateng a puso ka go farologana, mme go tseye sebaka se se fetang dibeke tse tharo, le go feta, go re dikarabo di bowe.

Re dumela go re go tshwanetse e bile go a thusa gore dipotso tsotlhe tse di amang merero le ditogamano tsa puso, di arabiwe ka mekwalo. Se ke go direla gore, go seka ga nna le ketseetsego kana tshupatshupano ka menwanwa.

Maloba ene e re fa bagolwane ba puso ba araba ka megala ntle le mekwalo, ba itatole gore ga ba utlwiwa sentle, mme e nne seipato sa gore makwalodikgang ga a kwale se ba se buileng.

Seemo se, a se tsibogelweng ka pono ya leitlho, e seng jalo, dikgang dingwe di a go tswelela di kwalwa go se na mekwalo e e rurufatsang seemo sa puso.

Go le ga ntsi, makalana a a lebaganeng le go amogela dipotso tse di tswang kwa makwalo-dikgannnyeng, a nna maoto a tshupa.

Mangwe a nna maoto a tshupa fa a tshwanetse go thusa ka dikarabo, a itiri moruti o tsididi ka go amogana dipotso le makwalodikgang.

Tiego ya go araba dipotso tsa makwalodikgang,  e baka go tswapoga ga dikgang mme di feletse di latlhegelwa ke boleng le go siiwa ke dinako. A re chengcheng betsho!