Naledi

Bodirelapuso ga bo re tseye tsia - Kgosi Molefele

Itumeleng Moipisi
 
Itumeleng Moipisi

Kgosi Molefele o buile se mo phuthegog ya kgotla bosheng, e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa Kgalagadi Bokone, Itumeleng Moipisi.

Molefele a re go makgetho a le mantsi bodielapuso bo sa ba rerise ka maikaelelo a puso a go tlhabolola kgaolo ya bone.

A re go tlhoka tirisanyo mmogo ga bone le bodirelapuso, go baka ketseetsego mabapi ditogamaano tsa ditlhabololo tsa kgaolo ya Kgalagadi Bokone. O boletse fa seemo seo, se tshwanetse sa tsibogelwa ka tota marara ele bone ba tshwanetseng ba nna matlho le ditsebe tsa merafe ya bone, go thusa go nna le seabe mo ditharabololo tsa dikgwetlho tsa metse ya bone. 

“Re kgakala le ditlamelo, mme go le gantsi fa bodirelapuso bo tla mo metseng ya rona, bo feta bo dira sengwe le sengwe fela ba sa lemoge fa bogosi e le jone pinagare ya motse, ebile ba tshwanetse go rerisiwa pele.

A re bodirelapuso jaaka e le jone bo gokaganyang ditirelo tsa puso, ga bo lemoge botlhokwa jwa bogosi mo mererong ya ditlhabololo tsa metse ya bone, le ntswa dikgosi e le tsone di itseng matlhoki a morafe botoka go na le bone,” Molefele a ngongorega jalo.

A re puso e ntsitshe mananeo a tshwana le la Affirmative Action,RADP le ya Nyeletso Lehuma (PEP) mme go lebega a tswele banni ba metsana ya Ukhwi, Hunhukwe, Maake, Ncaang, Monong le Zutshwa mosola.

O ne a tswelela a tlhalosa gore selelo sa bone ba se neetse makhanselara a bone, mme go lebega bodirelapuso jwa kgaolopotlana ya Hukuntsi, bo santse bo butswela mosi wa kgong tse di metsi.  E re go ntse jalo, Kgosi Boipelo Moilwa wa Maake a re go tlhoka go dirisana mmogo ga bodirelapuso le bogosi e setse e le selo modiro kwa Make. A re badirelapuso ba kgona go tla mo motsaneng wa gagwe ba fete ba simolole kago nngwe ya puso mme e ne a sa itse sepe morago a utlwalele ka dikgang tsa dinonyane ka ditiro tseo.

Kgosi Moilwa a re tumelo ya bodirelapuso ke gore dikgosi tse di tshwanetseng go rerisiwa ke tsa metse ya Lehututu, Hukuntsi,Lokgwabe le Tshane. A re bone e le dikgosi tsa mo metsana e e kgakala le ditlamelo, kana tengynana teng, ba sa lemogwe.

Fa a ba kgwa dikgaba, Mopalamente Moipisi a re o utlwile selelo sa dikgosi mme o tla kopana le ofisi ya ga molaodi le mothusa-mokwaledi wa khanselepotlana ya Hukuntsi gore ba tsibogele seemo seo pele ga se tswa mo taolong. A re selo se bodirelapuso bo se direng ke go tlhoka tlotlo mo bogosi.