Naledi

Tsabong o tla agelwa sepatela

 

Makgalemele o buile jaana maabane, fa a ne araba potso kwa Ntlong ya Dikgosi. Potso eo, e ne e boditswe ke Kgosi David Toto II wa Kgalagadi Borwa.

Mothusa tona Makgalemele o boleletse Marara gore, moalo wa setsha o setse o dirilwe ke ba Lekgotla la Kabo Ditsha la Kgalagadi mme ebile lephata la gagwe le setse le amogetse oo.  O tsweletse a re, go setse fela wediwa ga mokwalo wa tumelano (lease) magareng ga lephata la gagwe le lekgotla la Kabo Ditsha.

Kgosi Toto o ne a boditse Mothusa tona gore, a setsha se go tshwanetseng ga agiwa sepatela se sesha sa Tsabong a se bonwe. Toto o ne a tswelela a re, o botsa potso e ka go re puso e sale e itlama go araba selelo sa baagi ba Tsabong le kgaolo ya Kgalagadi Borwa, sa go agelwa sepatela se se golwane gone kwa Tsabong.

Ya re a tswelela, Toto a botsa Makgalemele go re a o itse fa morafe wa Tsabong o ise o rerisiwe ka kgatelopele ya lefelo le go yang go agiwa sepatela teng.

Go arabeng ga gagwe, Makgalemele o ne a araba ka gore, morafe o tla rerisiwa ka kgatelopele ya thulganyo la ya go agiwa ga sepatela.

Mo bo gompienong, sepatela sa Tsabong se na le malao a balwetsi a le masome a mararo. Ka nako ya fa se a atoloswa dingwaga di ka feta masome a mabedi tse di fetileng, sepatela seo, sene se lebega sele kwa ntle ga motse.

Jaanong, kgolo ya dipalo tsa batho le le koketsego ya balwetsi ba ba robadiwang, ga mmogo le letlhoko la boroko jwa baoki le bodiredi jo bongwe, bo gwetlgile puso go tsibogela selelo sa go aga sepatela se sesha, sena le maranyane a  tlhwatlhwa a ditlhatlhobo le kalafi.