Sponsored

Masire E Ne E Le Tsala Ya Me � Mugabe

Mugabe
 
Mugabe

Mugabe fa a bua kwa phitlhong ya ga Masire maabane kwa Kanye o ne a bolela fa utlwile botlhoko thata go latlhegelwa ke mogaka yo. A re Batswana le ditshaba tsotlhe go ralala lefatshe lotlhe ba tshwanetse go itse gore ene le Sir Ketumile ba ne ba sa kopanngwa ke tiro.

A re le fa ba ne ba itsane jaaka botautona ba mafatshe a bone, mme tota ba ne ba na le botsala fela jo bo neng bo fetetse le kwa malwapeng a bone.

Botsalo jo, Mugabe o boletse fa bo ne bo kgethegile thata, a bolela gore ka ene le Sir Ketumile Masire e ne e le ditsala, fela jalo le bahumagadi ba bone e ne e le ditsala tsa boammaaruri.

Botsala jwa ga tautona Mugabe le Masire, bo ne jwa supafala fa mohumagadi Olebile Masire(Mma Gaone), a ne a tlhokafetse.

Mugabe a re o ne a utlwa botlhoko thata go sa kgonang go tsena phitlho ya gagwe, mme fela a tlhomamisa gore o tla Sir Ketumile matshediso.

Mugabe a re Sir Ketumile Masire ke mogaka wa boammaaruri, ke senatla se se neng se tlhaloganya gore lefatshe la Botswana le kgaolo yotlhe ya Aferika le tlhoka eng. A re ka ntlha ya bonatla le boineelo jwa gagwe lefatshe la Botswana le kgonne go atlega fela thata.

A re e ne o berekile thata ka sebaka le Sir Ketumile, mme o ne a lemoga fa e le motho yo o neng a sa rate go nna tlhogo e thata fa go sa tlhokafaleng teng.

Mabapi le le loso le la ga Sir Ketumile Masire, Mugabe a re lefatshe la Botswana, le kgaolo ya Aferika di utsweditswe mogaka.

Mugabe yo o neng a bua jaana ka sefatlhego se se supang kutlobotlhoko o ne a bolelela batsena phitlho gore o tla a tswelela a tshela le Sir Ketumile Masire mo pelong ya gagwe go ya go ileng.

O ne a digela ka gore o eleletsa mowa wag a Sir Ketumile Masire go bona boikhutso le kagiso kwa o tla a robalang teng, mme a kopa ba masika oo Masire le Batswana botlhe go gometsegela ruri.