Sponsored

Mma Gaone O Dirile Masire Mogaka � Khama

 

Fela a re o batla go bolela gore monna yo o thusitswe thata ke mohumagadi wa gagwe Olebile Masire kgotsa Mma Gaone jaaka a ne bidiwa.

Fa a bua le batsena phuthego le bahutsafadi kwa phitlhong ya ga Sir Ketumile Masire maabane kwa Kanye, tautona Khama o boletse fa a batla go leboga tiro e ntle e ya ga Mma Gaone.

Tautona Khama, a re gone le fa ene a sa dumalane le gore monna mongwe le mongwe yo o atlegileng o thusitswe ke mosadi yo o botlhale, fela o batla go lemoga fa Mma Gaone ene a dirile jalo.

O ne a bolela fa mohumagadi yo a ne a le boikobo, a le lorato ebile a rata monna wa gagwe thata, se a reng e ne e le go tlhaloganya maemo a monna wa gagwe a leng mo go one.

Khama o boletse gape gore Mma Gaone o ne a ineetse ka boammaaruri mo go thuseng Sir Ketumile Masire, ka tsotlhe tse a neng a di tlhoka. A gatelela ka e ne e le motho yo o nang le botho jo bontle, bontsi jwa batho ba ne ba kgona go tsena kwa bonnong jwa ga tautona bas a boife sepe.

Khama a re gone le fa a ne a seka a nna le sebaka sa go buwa ka nako ya phitlho ya ga Mma Gaone, o bona go le botlhokwa gore a lemotshe Batswana le ditshaba ka kakaretso fa mosadi yo wa Modimo a tshamekile karolo e tona thata.

Khama o ne a tsholetsa sefatlhego a bolela gore o ene o berekile le Sir Ketumile a nako ya e le tautona, fa ene(Khama)a le ko sesoleng. A re o ne a lemoga fa e le motho yo o neng a sa eletse go palelwa ke sepe, a a fa sekai ka loeto la bone kwa Okavango le le neng la felela ka go wa ga ga Sir Ketumile Masire mo pitseng.

Khama o ne a bolela gore puso e tla a tsaya tshwetso ya go bitsa sengwe ka leina la ga Sir Ketumile Masire go mo tlotla. A re booraMasire le Batswana botlhe ba tshwanetse go itse fa go robaditswe mogaka yo mafoko a ka se mo lekaneng fa go buiwa ka ene. A re a mowa wa gagwe o bone boikhutso le kagiso ya bosakhutleng.