Naledi

Leboko la ga Tautona Quett Masire ka Rre Sekokotla Kaboeamodimo

Tlhwaang ditsebe matona a puso,

Lo tseye lotlhokwa lo lo robaganye,

Lo robe lotlhokwa go fata ditshoka,

Lo utlwe ke golodika phalafala

Ke boka phiri e thamaga matshana;

 

Ntla Rre Joni o ka ba a sa tshedile,

Ke raa le mme Mma Ketumile.

Ba koo ba utlwa mangwe matlhomola,

Ba utlwa ke tsotsonka sebatana

Tiba-ka-nkoto wa ga Mma Khwete,

Ka-nkoto wa ga Mma Ketumile.

Kgomo e tiba ka tlhako ya morago,

Mongwe e tlaa lala e mo ragile.

Ema o katlowe monna Sebotho

O ko o katlowe o e re gamele.

 

Phiri e rakile kwena letsibogo.

E rile kwena e ile dikgofeng,

Se ile sa kgabaganya sebatana,

Ka utlwa e galaotega thamaga

E bopa kwa letšheng la Sehikile.

E bopa e tlhalosetsa Barolong.

 

Ka bona ba itumela Barolong,

Banna ba borwa ka utlwa ba tshega.

Ba tshega ba itumelela mafoko,

Ka ba ne ba utlwa dikgang tsa puso,

Ke raya go itumela Motlhatlhedi,

Tshipikgano a tshega a ba a lapa.

A tshega ka e le moana-sebata

E le mosimane oo Kgano-a–nacwana.

 

Batho e rile ba ile go siana,

Ke raya ba ile go tlhoma lobelo

Ba bile ba ile go ja matsomane,

Sa feta se galaotega sebatana

Ka se ne se ile go tlhoma sekhukhu.

O se tlhomile kwa Tshidilamolomo.

Mmina-kwena a tla a iphotlhere

A tla a lela a sa kgweetse sepe

A lela fela a ithwele megono

A bua ka madi a tletse ganong

A re dithaga tseo di mo jetse a ntse a leta

 

‘Ke nke ke tlhalosa ke ya kgakala

Ke tlaa bua fela go le gonnye

Ba gaetsho ba nkitsa go go boka

E a re ke bolela thata ya gago

Ba re ga ke boke ke ‘ira bolope

 

Mme tota gone ga ba nkakele

Motho a boka o itatswa mabogo

A boka motho o marapo a thata

A boka motho a okame lefatshe

A okame Botswana bo le mmogo

 

O mphile kgomo Mo-ana-sebata

O mphile kgomo ka ba ka e thiba

Kgomo tshunyana e mabele a thata

Tshunyana e mabele a diphogotlha

E kwa ga Ra-Monnedi e fiwa letswai

Le tlhakantswe le bopi jwa marapo

 

E a re e gangwa ntšwa di bogole

Mosadi wa a ka a lale a kgotshe

E gamelwa Mme MmaKeneilwe

Basimane bame ba e mo gamele

Metlhose o e gama ‘sigo bo sele

Ke raya a e gama ‘tsatsi le penne

Malomatsebe a itsa morole go tswa

 

Nne ke sa boke ke a okaoka

Ke ema jalo ‘ke a re ke sweditse

Ke ema ka ke thibogela thapelo

A Moruti Mogwe a re rapelele

Moruti wa a ka ke a go rapela

Ema o tlhalose moana-sebata

Re balele Baebele ya Modimo

Re balele lokwalo lwa ga Jošua

Kgaolo ya ntlha o e bale yotlhe

O bale le Pesalema ya botlhano

Temana ya ntlha le ya borataro

Archie Mogwe o tla ntsha sefela

Taneele o tla tsaya aleto

Morake a tsaya ntswe ja boraro

MmaDisele a kwala dikitsiso