Naledi

Loso lwa ga Sir QKJ Masire

 

Thoromo ya lefatshe sale ke dupelela

Tshikinyego ya maikutlo kgale ke kanoka

Seetebosigo ka sefefo o re tswela kae

Masire lesire bohutsana re bo apere.

 

Moranang ra nnang thoromo Botswana

Seetebosigo sigo ra latolelwa mogaka

Matlhabatlhakane re itebetse wa itelekela

Melomo ra itshwara, setsokotsane, thakaselemela wa lelemela

Magano Ketumile Joni wa Masire loso a mo ikgapela.

 

Lefatshe le gatsetse, Rra Gaone o bolotse

Matsubutsubu Phukwi wa diphefo o tla ritibatsa

Maikutlo Batswana re tla gatsologa.

 

Dipolotiking ga ke na kgang

Phapang tšhaba ya Botswana basupi

Bapaki fatshe je o le diretse gotlhe

Gotlhe Khama sale a go itlhophetse.

 

O diretse fatshe je go se tsapa le go fisang pelo

Bechuanaland, Mmamosadinyana o mo diretse

Botswana, Batswana o ba bereketse

A true Pan-Africanist, ka sekgoa ba go tsatsankile.

A principal architect of economic growth, ka tšhomi ba go tsotsonkolotse.

 

Bothusatautona jwa fatshe sale o bo kotame

Botautona jwa fatshe sale o bo ntse

Naledi ya Botswana seetsele e go tshwanetse

Tlotla kgolo tshupo ya tiro ntle tsa gago.

 

Ga ba bantsi ba dirileng jaaka wena

Botshereganyi mafatshe o a diretse

Ledi la Pula Masire o le dirile

Botswana Ketumile o mmusitse.

 

Tshwene marapo nnang wa banyana o ganne go e adima

Mafatshe dipolotiking o a thusitse

O a  namotse dipolotiking di sa iketlang

Mozambique, Rwanda, D.R.C, Lesotho bapaki.

 

Dikgogakgogano di le magoletsa

Nkwenkgoga ke go goge go lwelwa setilo.

Botlhoko jwa go gogwa batho bangwe ba bo utlwa

Ya molomo ntwakgolo wa ba gakolola

Maraganateng a bana ba mpa o itse go tshereganya.

 

Nujoma o kile a go tsenya dingalo

Masire wa le supa le le fa

Nnyaa wa banyana wa mo gana

Sedudu ganang wa pala ka sone

Ka sone nnete wa swela dikano

Sedudu tlhaketlhake sa Botswana ra duduetsa.

 

Masire letlhale la matlhale, Tiger Kloof mopaki

Very Brave Or Very Foolish, buka e kwadilwe

Memoirs of an African Democrat bangwe re e badile

Motlotlegi Quett Ketumile Joni Masire robala ka kagiso

Q.K.J. kagiso tlhokwa di go robalele.

 

Seetsele sa botlotlegi o se filwe matshwanedi

Tlotla kgolo tshupo ya bonatla jwa go boeteledipeleng

Sir Quett Ketumile Joni Masire ina ba le manega

Lady Olebile Masire mohumagadi ba mo taya.

 

O makopanya-merafe, Masire re bone maloba

Maloba phitlhong ya go ntletsentletse

Go jwetlile go se gato jwa lonao

Selelo, khuranyo ya meno Gangwaketse.

 

Loso itumele mmatla sa gagwe o se bone

O re amogile Quett mmata go rile tu!

Loso re go senke ngwana wa phefo o re tswela kae

Matlhogojane ngwana wa lehuma loso tsamaela koo.

 

Loso re go senke re tswele ka kgoro

Lelemela loso re go batle thoko ga rona

Lelesela loso re go batle tlase ga rona

Monna o sa kgoreng falala re go tlhoke

Re go tlhoke khularo ya go keletso ya rona.

 

Morena, Masire mo sireletse go fitlha re kgatlhana

Mothatiotlhe, mo felegetse go fitlha re kopana

Morata-re-tshela-yo-o-molemo mmabalele

Timpakgolo ka phuka tsa gago mo khurumetse.

 

Robala Quett-a-Ketumile-a-Joni-a-Masire

Tsamaya mmina Phiri tlhokwa di go robalele

Tlhokwa di go robalele go fitlha re kgatlhana bobipong

Morwa Masire morafe o tla go gopola

Golo o go robetseng o bone phomolo.

 

Setsokotsane sa puo re go itse rotlhe

Karabo tsa gagwe ka puo motlhofo

‘Fatshe je ga se koi’bangwe ba gakolotswe

Puo e e borethe re tla anywa dikokomaneng.

 

(Motswedi: Lobebe lwa Ngwao.  Ke lokwalo lo lo iseng lo gatisiwe.  Le kwadilwe ke Kenneth Mogapi)