Naledi

Rra Gaone o bolokile Setswana

Ka dingwaga tsotlhe tsa botshelo jwa gagwe, le ntswa e ne e le mongwe wa Batswana ba ba iteilweng seatla, a berekile e le morutabana, mogokgo, tona ya lephata la madi, mothusa tautona, le tautona tota, o ne a sa latlha Setswana.

Mogaka yo, re batla go mo lebogela tiro e tona ya gagwe ya go nna sekao mo go rotloetseng puo ya Setswana, bogolo jang ka go e dirisa nako  nngwe le nngwe fa a buisa Batswana.

Puo e ya Setswana ke yone e Batswana ba neng ba itse Sir Ketumile ka yone, o ne a tlhomamisa gantsi gore o e bua ka bokgabane jo bo kwa godimo. A dirisa manatetshapuo otlhe a yone, a dira jaana a sena sepe le gore a ke tautona kgotsa o mo maemong afe.

Re santse re dumela gore Batswana ba le bantsi ba ba ratang go bua le go kwala Setswana ba le motlotlo ba kgothaditswe thata ke Rra Gaone.

Go rata Setswana ga gagwe go ne ga supagala jaaka a ne a ikamanya thata le ditiro tse di rotloetsang ngwao ya Setswana. Ka a kile a nna mokwadi le morulaganyi wa pampiri ya dikgang ya bogologolo ya Naledi ya Batswana e e neng e kwala Setswana, Rra Gaone o tsweletse a ema nokeng bokwadi jwa Setswana.

Re bua jaana ka re lemoga fa ka boammaaruri a rotloeditse bangwe babegadikgang go sa tlhabiweng ke ditlhong go kwala ka Setswana.

Fa bangwe barutegi le boramaemo le bommamaemo ba ntse ba tlhabisiwa ditlhong ke puo ya Setswana, ebile ba sa batle go amanngwa le sepe say one, Rra Gaone o ne a dumela go dirisanya le botlhe ba ba e rotloetsang.

Ka ntlha ya se, re solofetsa gore tsotlhe tse re di  antseng mo go Sir Ketumile e le tsa Setswana le puo ya teng, re tla a di tsweledisa ntle le ditlhong dipe. Ga re na go mo swabisa ka gope golo a go robetseng.