Naledi

Dinyao tsa ga Rra Gaone

 

Le fa gongwe bane ba solofetse dikarabo tse di tlhamaletseng, Masire o ne a ba araba a bapisitse tse ba tshwenyegileng ka tsone. O ne a go araba jalo, mme tota a leka go go lemotsha fa sengwe se tla diragala, go tokafatsa seemo se o tshwenyegileng ka sone. 

O ne gape a dira jalo go fema go ikgolega. Sekai; “Puso e tla aga tsela ngwaga o o tlang”. Ke gore o ne a raya gore re seka ra fela pelo, mme gape a kgothatsa Batswana go kgatlhegela therisano le puso, kana le bodirela puso.

O ne atle a arabe ka setlhogo sa matshwenyego a rona, mme a araba jalo ka Setswana se se tlhapileng, fa gongwe a dirisa sa Borre, se senang le dikai tsa seo o se botsang, mme a tshwantshanya sekai sa gagwe le seo o ka se bonang se diragala.

 

Dinyao tsa ga rraetsho ke se di latelang;

Masire: Lware lo bolawa ke tlala mme koloi ya me e tla e gata boloko jwa setho jaaka ke tla jaana… (A tswelela a re) Batho ba motse o, le maitseooo.... eeh.... a a makgasa!” (Batho ba solofetse gore o tlaare maitseo a mantle, mme ba thunye ka ditshego morago ga se).

 

Masire a le kwa Manyana

Monni: Tautona, bana ba rona ga ba utlwe, ba itaola mme re kopa thuso ya puso ka seemo se.

Masire: Tanki motsamaisa tiro, heelang! ke na le ngwana wa mosimane o bidiwa Mpho. O mpaletse, e bile eeh…ga nkake ka tla go itira matron wa malwapa a lona.

 

Masire a le kwa Kanye

Monni: Tautona, ke tshotse ngwana le motho mme ga a sapote.

Masire: Tota wena o ineelelang matlhogojane o itse gore ga a kake a kgona? Mme le gale, eeh nna o leke.

Monni: Tautona, rona re ngongoregela gore a bo re bona ditlhabololo di dirwa mo motseng wa rona, mme re sa rerisiwe.

Masire: Ee rra, ke utlwa ngongora ya nyena, mme kana hatshe le ga se ngwana wa gago, ngwana wa gago ke ene areng a nyalwa a bo go rerisiwa bo malomaagwe.

Monni: Tautona Rre Masire, o ne o re solofeditse ditsela, dikwele le mebereko.

Masire: Tlhako ga nke di rwalwa ka nako ele nngwe hela. O rwala sele sengwe o se hunele, mme o itse go rwala se sengwe le sone o se hunele, mme o itse go tsamaya.

Masire: Dilo tsa malatsi a, o bona wa mosimane a tlhaba wa mosetsana ke selo se se bogale, a sa itse gore pharologanyo fa gare ga legapu le motho ke eng. (A bua ka dipolaano tsa baratani).

 

Masire a ele kwa Mapoka

Monni: (ka teme ya sekalaka e e kwa teng)..Eeh Tautona, ri bata dikhose li rona mo Bukalanga.

Masire: Goromente o agile dikwele tse di kgolwane kwa ditoropong. O ka kopa ngwana kana wa losika go thusa go aplaela teng. Ke ipotsa gore ka o molekane wame, o ne o setse kae?

Morafe: Nnyaa o raya Kgosi e seng course..

Masire: thakaa!! Bo Bogosi bo nale beng.

 

Masire a le kwa Tlokweng

Masire: Batho ba Tlokweng, gatwe ga le rate di number plate tsa AAA, AAB. Mme di a go tsamaya hela jalo di bo di heta le ene QKJ.

Kwa kgotleng nngwe, rre mongwe ke fa a ngongorega ka tsela gore ga e a siama e dibambara. Rre yo a re, ‘maloba ke tsamaile ke khothokhotsa mosadi wame a le mo ditlhabing, ke re ke mo isa sepateleng’.

Masire: Waitse ga o monna wa sepe. O ka bo ole bojalwa nkabo ke re o nthoro. O ratile go ipolaela mosadi.

Masire: Rre Merafhe re berekile nae go aga stadium sone se, mo ne ele gone Ipelegeng, eseng ya malatsi a, ya diphaphatha.

E kile ya re a bula kgolegelo e ntsha ko Machaneng, a raya batho ba teng a re, re lo agetse kgolegelo ke ye, lo e dirise sentle.

 

Masire a le kwa Gumare

Monni: Tautona re bona ditlhabololo di dirwa fela mo motseng wa rona wa Gumare re sa rerisiwe.

Masire: Hatshe je gase ntsalao, ntsalao ke ene a kareng a nyalwa wa rerisiwa.

Monni: Tautona, ko di ntshong bana ba tla ba nole nnotagi, re tshwere bothata.

Masire: Heelang kgang eo, ke ya barutabana le dikgosi tsa lona! A le itse tiro ya ga Tautona tota.

Reginald Richardson: Ga o akanye gore e setse ele sebaka gore Batswana ba lekeletse opposition party?

Masire: Ngwanaka leso ga le lekelediwe,o tsamaela ruri.