Naledi

Mmangwao o gopola Rre Rra Gaone

 

Sir Ketumile o tlogela Batswana, le ditshaba, ka dikeledi tsa kutlobotlhoko.

Batswana ka go farologana ba supa ka mekgwa e e bonolo gore Rra Gaone e ne e le senatla sa monna e bile e le moeteledipele wa tlhwatlhwa.

Mongwe wa baboki ba teme ya Setswana yo o tumileng, mme e bile e le mosadi, Ditshupo Samakabadi, yo o itsegeng thata ka leina la ‘Mma ngwao Ya Setswana’ mo mererong ya Poko, a re ke mongwe wa batho ba ba hutsafetseng thata.

Samakabadi a re lefatshe la Botswana le ne le filwe monna wa senatla, e bile a le kutlwelobotlhoko le boammaaruri.

A re khutsafalo ya gagwe e mo gwetlhile go thama leboko ka Rra Gaone, seo e le go mo akgolela lorato le bopelonomi jwa gagwe, jaaka e ne e le molemi-morui le moeteledipele wa setshaba.

Mma Ngwao ya Setswana a re Batswana ba tshwanetse go leba kwa morago go latedisa motlhala wa dinao tsa ga Rra Gaone.

O dira jalo ka leboko le le latelang:

Ya re masa a a sa wa tlhaba mokgosi

Dikgosi tsa thaakanya ditsebe

Sa utlwala segalo sa ngwana le mogolo

Kgwedi ya Seetebosigo ya fifala ka seru

Keledi ga elela ya botlhoko jwa ntho

Mogolo pharatlhatlhe a bo a ineetse

Sebaka sa tshiano a se weditse.

 

Naledi ya masa e kile ya benya e sa fetse

Lesedi la yone le kile la phatsima

Banna le basadi ba ema kgalalelong ya lone

La akolwa ke mogolo le ngwana

La akolwa ke mohumi le mohumanegi

‘Sedi la Botswana Rre Rra Gaone

Le ntse le apesitse Batswana jotlhe.

 

O kile wa kgalema moana-phiri

Wa re botho thupa telele e fitlhang logageng

Thupa telele e kgotle pela dirope

E boe e kgotle mmadipela marago

Wa re botho setho sa Motswana

Botho maipelo re ipela ka jone

Bogwera go rupa jwa thupa

Thupa ga e gate lore lo kgopo

Molemo wa ngwana thupa

Thupa go fela ya kgomo go sale ya batho.

 

Rraarona tlhe rona boDitshupo re anywile

O ne o re tshwaetse e khunwana e sa kgaleng lobese

Kgomo o re file ya leradu maoto a sebokolodi

Kgomo khunwana ya go palangwa sepalamo

Ra e rwala khunwana dinaong

Ra e apara mebeleng ra a ja bothitho.

 

Rraarona tlhe re tlaa dika re go gopotse

Re go gopotse ka pina tsa kgalaletso

Pina tsa boipelo le lorato

Pelotshweu e ntsha lobelo

Pelontle leswalo e alafa mong.

 

Motse tlhe re feta wa balala

Wa baruakgomo re tsene ka one

O ne o le thothobolo e olelang gotlhe

Diphuka tsa gago di ne di phuthologile

Di tshwana koko e namagadi e bona ntsu

Wena Joni wa ga Masire o re khurumeditse.

 

Ga Maila wa re tsholela nama ra namalala

Wa re tlhabela kgomo dirwe tsa lekana

Kgotleng banna ba lekgotla ba a ja mokoto

Basadi lwapaneng ba a ja ngati

Tshimo wa lema e tona morwa Masire

Ra beeletsa ka sefalana ra tlatsa sesigo.

 

Mogaka o robetse ka kagiso Batswana

Phiri e ikhuditse ke letsapa

Lo se mo gopole ka pelo di ela madi

Lo se kgoberege maikutlo fa lo mo gopola

Opelang lo duduetse tiro tsa gagwe

Lo ipele lo galaletse Modimo

Lo re, ‘Ga o a re siya re le masiela,

Ga o a re tlogela fela moana phiri.’

 

Ga o a tsamaya fela Morwa Masire

Peo o e re tlogeletse o e jwadile

Re tlaa gata motlhaleng wa gago

Tlhako ya pele e bulela ya morago tsela

Motlhala re tlaa sala re latile wa gago.

 

Robala ka kagiso motho wa ga mokgalo o thebe.

Robala ka kagiso moana phiri

A tlhabi tsa lefatshe di itibale

Tiro o e dirile o e weditse

Tsotlhe tiro tsa gago di a itsiwe.