Naledi

Baagi ba Kgalagadi ba lelela Naletsana

 

Bangwe ba ne ba bolela fa gole botlhokwa gore thulaganyo e ya go tsamaisa Naletsana, e kabo e akaretsa mafelo mangwe kwa Kgalagadi Borwa le Bokone, jaaka kwa Hukuntsi, Kang kana Tsabong.

Ba ne ba bolela fa kgaolo ya Tsabong e na le dikgantshwane di tshwana le Mme Seipei Gaelesiwe, yo o kileng a tshamekela setlhopha sa bolotloa sa Botswana, e bile a kile a nna mokatisi wa setlhopha se sechaba.

Ka go rialo, bare go ne go ka nna maleba gore barulaganyi ba supe tlotla mo go ene, ka go lekola ba lelwapa la gagwe le masika, tota le baagi ba Tsabong go bo ba godisitse mogaka o. Ba tsweletse ba bolela fa Gaelesiwe a rotloeditse bana ba ba tlhagogang go kgatlhegela go tshameka bolotloa.

Bontsi jwa bao ba ba akgetseng mo maranyaneng a Facebook, ba boletse fa tota go sena ka fa bolotloa e ka bonang kemonokeng fa ba rulaganya ba santse ba sa sekaseke ditsela dingwe tse di botlhokwa jaaka tsa go isa motshameko o,  kwa dikgaolong tse di kgakala le ditlamelo.

Go tsibogeleng se, mogokaganyi wa thulaganyo e, Samantha Mbakile a re mabaka a loeto la ga Naletsana le sejana ke go lemotsha le go lomaganya setshaba le motshameko wa bolotlowa wa sejana sa lefatshe sa 2017.

Samantha o boletse gape gore, tota maikaelelo a bone ke go rotloetsa le go ngokela banana mo motshamekong o. 

A re go itsise Batswana ka se, ba bone go le botlhokwa go rulaganya loeto la ga Naletsana go etela mafelo mangwe go simolola mo Gaborone ka kgwedi ya Motsheganong a le masome a mabedi le bongwe go fitlha ka kgwedi eno, ele masome a mararo. O tsweletse a re, go dira jalo go tla ba tsaya malatsi a le lesome.

O bile a nankola mafelo otlhe a a tla etelwang, a dirotopo le metsana, o ne a akaretsa Mahalapye, Serowe, Selibe Phikwe, Francistown, Masunga, Letlhakane, Maun, Gantsi, Jwaneng, le Molepolole.

Samantha o tlhalositse gape gore, tota ga ba na go kgona go tsamaya lefatshe leno lotlhe ka mabaka a nako e ba e filweng. A re tota bone maikaelelo a bone, e ne e le go tsamaya mafelo a a leng gore bana ba ba tshamekelang setlhopha seo ba tswa mo go o ne.  

Bangwe ba ne leka go iphaga dibese o kgannyeng e, ba bolela fa letlhoko la madi ele lone le bakileng seemo se, mme ya bo ele jaaka Baagi ba Kgalagadi ba kgopisegang ka gone. Ba boletse e se lwantlha fa go na el ditiro tsa sechaba tsa metshameko ya selebego se, ba sa fiweng sebaka sa go bona dikgantshwane tsa bone.

Ba nakotse le gore le sone setlhopha sa sechaba sa kgwele ya dinao, sa Zebras, ga se ise se gatise ditlhako tsa sone kwa Kgalagadi, ntswa kgaolo eo, e alositse batshamiki ba tlhwatlhwa ba kgwele ya dinao jaaka bo Wlliam Master Coetzee, moswi Clement Captain Muller Mothelesi le ba bangwe.