Naledi

Rra Gaone o dirile thata mo metshamekong

Botswana former presidents Festus Mogae and Ketumile Masire
 
Botswana former presidents Festus Mogae and Ketumile Masire

Tautona wa bobedi wa lefatshe la Botswana yo o sa tswang go tlogela lefatshe le le ka kwano,Sir Ketumile Masire e ne e le motshameki wa kgwele ya dinao yo o popota. Se se boletswe ke rre Dicks Gabanakgosi yo o gatelelang thata gore monna yo e ne e le motshameka morago wa popota.

Batswana   ba ba iseng ba ko ba bone tautona Masire a tshameka, ba ntse ba itse fela gore tautona wa pele Sir Seretse Khama ke ene a neng a itsege ka go tshameka kgwele ya dinao.

Se jaanong se tlhatswitswe sentle ke mogolwane wa pele wa metshameko mo lephateng la metshameko, Gabanakgosi yo o reng ene o ntse le sebaka sa go bona Quett Ketumile Jonnie Masire a tshameka kgwele ya dinao.

Go papamatsa, Gabanakgosi a re Rre Masire o ne a tshamekela setlhopha se sengwe sa Kanye se bidiwa Kanye Fight Forever. A re Rre Masire e ne e le motshameka morago ko thoko ga lebala, kwa a neng a maka thata basimane kgotsa batshameki ba ba majato le diphatsa.

Mabapi le gone go maka bobe mo ga ga Rre Masire, Gabanakgosi o boletse gore go ne ga felela go mmonetse leina la Man Plus Ball. A re Rre Masire o ne a tshameka le bangwe batshameki ba nako eo, ba bangwe ba bone ba setseng ba tlhokafetse. Fa bangwe ba bone e le bagolo ba setse ba tsofetse.

O ne a tlatsa ka gore monna RaGaone o ne a sa rate fela motshameko wa kgwele ya dinao, a re o ne gape a rata metshameko e mengwe.

Metshameko e mengwe e RaGaone a neng a e rata e ne e le ya metlae, kgotsa terama le mmino wa Setso ka go farologana ga yone.

Go rata metshameko mo ga gagwe, Gabanakgosi o tlhalositse fa go ne ga thusa thata mo tlhabologong le kgolo ya metshameko le ditlamelo tsa one. A afa sekai ka lebala la metshameko la setshaba, le a reng o ne lwa ka gotlhe gore le agiwe.

Dibui tse dingwe gareng ga ba bangwe mogolwane wa pele wa lekgotla la motshameko wa kgwele ya dinao(BFA) Ashford Mamelodi le mogolwane wa pele wa lekgotla la metshameko la Botswana(BNSC) Kitso Kemoeng di boletse gore metshameko ya Botswana e kgone go ema ka dinao ka RaGaone a ne a seka a phutha mabogo fela go e latlhelela.

Mamelodi a re le fa go ne go simolotswe go le thata ka ntlha ya go senang madi a mantsi, RaGaone o ne jaaka tautona o ne rotloetsa motshameko wa kgwele ya dinao.A re o ne a dira jaana ka go laola gore go ntshiwe madi le gone go nna teng ga gagwe. A afa sekai sa gore le yone metshameko ya ditlhopha tsa setshaba o ne a kgona go e tsenelela.

Mamelodi o ne a tswelela a gatelela gore tota le fa a ne a sa kopane thata le RaGaone ka tsa metshameko, o ne a itse sentle gore fa ba neng ba kopa thuso teng o ne a sa itlhokomolose

RaGaone go boletswe fa a ne a tswelela a thusa ka kemonokeng setlhopha sa setshaba sa Dipitse, ka a ne a itse botlhokwa jwa metshameko le go nna le setlhopha sa setshaba.Le sone setlhopha sa setshaba go boletswe fa a ne a a tle a se laletse kwa bonnong jwa gagwe go ja dijo le sone.

Kitso Kemoeng ene o boletse fa tiro ya bone jaaka lekgotla le le tlhokometseng metshameko e ne e se bonolo gotlhelele. A re mme fela ka ntlha ya tirisanyo mmogo le lephata la metshameko, RaGaone o ne a leka thata go thusa.

A re le fa madi a ne a tlhaela ka go ne go lebega puso e na le ditiro tse dingwe tse di tlhokang madi jaaka dikago tsa dikole, ditsela, dipatela le tse dingwe, puso ya ga RaGaone e ne ya tswelela ya latlhela madi mo metshamekong ka go farologana ga yone.

Lorato le la gagwe mo motshamekong wa kgwele ya dinao, go tlhalositswe gore o ne gape a simolodisa motshameko fa gare ga matona a puso, mapalamente le bagolwane ba puso. Go bolelwa le ene RaGaone a ne a tshameka mo go yone metshameko e, se e le go supa thotloetso ya metshameko le botsogo.