Naledi

Boko o rera Maranyane

 

Boko o buile jaana mo phuthegong ya kgotla kwa kgaolwaneng ya Tlogatloga bosheng. A re o itemogetse fa maduo a ditlhatlhobo tsa dingwaga tse tlhano tse di fetileng, a tshwentse batsadi le barutabana, tota le ene. 

Mo go thuseng go rarabolola seemo se, Boko o boletse fa a setse a segile tema ya go ngoka ditsala tsa gagwe go rekela moithuti mongwe le mongwe mo dikolong tse di mo kgaolong ya gagwe sebala makgolo.

“Ke setse ke kile ka tsamaya le dingwe dikole mme ka lemoga letlhoko la dibalamakgolo. Barutabana le baithuti ba sega mela e meleele ba emetse go amogana go dirisa dibalamakgolo, tse di tlhaelang gole gale,” Boko a bolelela banni ba kgaolo ya gagwe.

O tsweletse a re, o setse a kile a ntsha mogopolo wa go re ngwana mongwe le mongwe a rekelwe sebalamakgolo mme palamente, ya itlhokomolosa mogopolo wa gagwe.

A re sebala makgolo se tlhofofatsa go ithuta ga ngwana, ka ebile maranyane a segompieno a dibalamakgolo, a na le tseo tse moithuti a ka di dirisang go ithuta.

“Mapalamente mangwe a ne a kgala mogopolo wame, ba re ke tla ba lotlhaganya le bana ba bone,” a rialo Boko. Banni bangwe ba ne ba mokgwa dikgaba, ba bolela fa ba tla ema nokeng mogopolo wa gagwe wa go thusa baithuti ka dibalamakgolo. Ba ne ba kopa gore mogang dibalamakgolo di bonwang, di nne ka fa tlase ga tlhokomelo ya bogogi jwa sekole. Ba re go dira jalo go fema seemo sa gore di utswiwe mo ma lwapeng kana jaaka ba tlaabo ba di sikere mo mebileng.

Boko o tsweletse a bolela fa dithulaganyo di tsweletse tsa go aga lefelo la maranyane a dibalamakgolo kwa ofising ya mopalamente.

Mongwe wa banni Rre Petrus o ne a bolela fa nako jaanong e tsile ya gore puso e diragatse dikgakololo tsa pego ya ga Kedikilwe ya Tlhabololo thuto ya 1998.

A re puso ga e a tshwanela go  iphitlha ka monwana ka gore dikgato tse di umakilweng mo pegong eo, dika e baya ka fa mosing.

Mo go tse dingwe tse Boko a neng a di amogana le banni, e ne e le thulaganyo e e tsweleseng ya puso ya go simolodisiwa ga mochine o o tlhophisang (EVM). Boko o boletse fa puso e ne e sa bolo go tsaya tshwetso ya go dirisa maranayane ao,le pele ga e ka rerisana le go tsaya maikutlo mo setshabeng le ba-na- le seabe ba ba bangwe.

“Le rona re bone fela moalo-kakanyetso o tla o phuthetswe e bile go lebega tshwetso yone e sa bolo go tsewa. Ke sone le boneng ba ne ba tla kwa go lona morago ga go tsaya tshwetso, mme ya bo e nna e kare ba rerisanya le setshaba, mme pitsa yone e setse e emetswe go tsholwa,” a rialo Boko.