Naledi

Bazezuru ba rotloediwa go aga dikereke

 

Goya, yo a neng a bua le morafe wa Bazezuru o o bidiwang Murenje go aga mafelo a kobamelo ka jaana jaanong ba kwadisitswe semmuso ka fa tlase ga molao wa Botswana.

Mopalamente Goya, yo gape eleng mothusa tona wa Lephata la Thuto go tswa kwa moding, e buile se kwa tshimolodisong semmuso ya dikereke tseo, a bolela fa Bazezuru ba tshwanetse ba inaakanya le ba lekgotla la kabo ya ditsha mme ba kopa lefelo. A re go sa direng jalo, baobami ba dikereke tseo ba tla babalelwa ke diemo tse di farologanyeng tsa tepo loapi.

“Ke a itse gore mo kerekeng ya lona le itlwaeditse go rapelela kwa le kwa, ka le sena bonno jwa sennelaruri jwa kobamo.  Mme ke le rotloetsa go batla lefelo mme le ka dira jalo ka go kopa ba kabo ditsha go le thusa,” Goya a gakolola jalo.

O ba gakolotswe go tlhoma ditante ba santse ba emetse go ka thusiwa kana go aga ditempele tsa sennelaruri.

“Jaaka le re gale age botoka le bee tante go itshireletsa mo diemong tsa tepo loapi tse di sa iketlang. Gape, le yone tikologo e tshwanetse ya elwa tlhoko ka tlhokomelesego, bogolosegolo fa batho ba kopanelang teng,” a gakolola jalo Goya.

Mo go tse dingwe, Goya o gakolotswe Bazezuru go tlhwaafalela go tsenya bana ba bone sekole le go ba isa di kokelong go tsibogela malwetsi ka go farologana.

Go tlwaelesegile gore Bazezuru ga ba tsenye bana ba bone sekole le go ba isa kokelong mme ebile go itshupa that fa puso e lopa sechaba go isa bana go kentelwa malwetsi ka go farologana.

Ke ka moo Goya a neng a ba itsise fa melao ya lefatshe e sa rontshe ope thuto, ka lebaka leo are ngwana mongwe le mongwe o tshwanelwa ke go isiwa sekolong go sa kgathalesege gore ke wa morafe ofe.

Goya o bile a phophotha legetla kereke ya Murunje go bo bare ga ba letlelele nyalo ya bana ba bannye ka dingwaga, a re seo se supa boikarabelo. Le fa gontse jalo, o ne a rotloetsa baruti ba kereke ya Murenje go ikgapha mo dikgannyeng tsa go dirisa bana ba kereke botlhoswa mo go tsa tlhakanelo dikobo kana go phoraphora, a re seo ga se sekeresete ebile gase letlelelwa mo melaong ya Botswana.

Fa a ntsha la gagwe, tautona wa Lekgotla la Dikereke tsa Semoya (OAIC), Bishop Phillemon Motlhagodi o ne a akgola Murenje go bo ba bone go tshwanela gore ba ikwadise ka fa molaong. A re ke kereke ya bo 175 e tsenelela lekgotla la OAIC.

Motlhagodi o ne ikuela ka botlhokatsebe jo bo santseng bo bonala mo dikerekeng jwa go sa tlotleng boeteledipele jwa tsone le melao ya ditsamiso tsa tsone ka go farologana.

Go ya ka moeteledipele wa kereke ya Murunje mo Botswana, Moaposetole Bishop Julius, kereke ya Murenje e gorogile mo Botswana ka ngwaga wa 2010. E simolotse ka 2000 kwa Zimbabwe kwa di ofisi dikgolo tsa yOne di leng teng. Mo bogompienong e na le makalana ale supa mo Botswana.