Naledi

A re tlhafuneng rotlhe

Bonno jwa bone bo tshwanetse jwa kgabisiwa sentle ka dithunya le tse dingwe fela jalo. Gape, se se botlhokwa ke go beela sebui sa tlotla, kana ba ba mo patileng, metsinyana go kolobetsa dikgokgotso, ka gongwe ba a bo ba nyorilwe go tsweng mosepele o ba o tsamaileng.

A e re phuthego e ntse e tsweletse, re lemoge gore batho ba re ba laleditseng go tla pitsong, e leng morafe, le bone ba tlaa bo ba tla ba nyoretswe melaetsa mme bangwe ba tle ba sa fitlhola, le fa e le one metsinyana a a bothito tota, ba sa a goduma.

Ka jalo, go botlhokwa gore re ele tlhoko maikutlo a botlhe, gore morafe o tlaa tseega jang go bona baeng ba letsa leino, ba tlhafuna, ba bo ba a nwa, fa bone ba tlhoname fela. Go lelalwa ka megotswana ya digaugau, dilekere, manoko, le tsone dino tsididi tota.

Ke nako e baagi kana batla pitsong, ba tlaa simololang go tsenya ditlhogo, ba ngunanguna, bangwe ba gopola senkgwenyana se ba se tlogetseng kwa gae fa ba itlhaganelela pitso. Bangwe ba ikgate direthe ka maikaelelo a go tloga ba tomoga, ba ya go batla se ba ka itimolang lenyora ka sone golo gongwe.

Go itlhokomolosa morafe mo phuthegong, mabapi le tse re di nankotseng tse, go ka fetola seemo sa phuthego mme tshologelo e nne ya matlhabisa ditlhong.

Se se atleng se ngomole pelo go feta, ke gore le bone baeng tota, ba ba neng ba beetswe dijo le metsi ao, ba felele ba di tlogela mo ditafoleng. Barulaganyi ba pitso kana phuthego, ba di wele godimo, ba di kgaogane, ba bo ba felele ba di lwela. Bangwe ba time le bone babega dikgang ba ba kopilweng go tla go tsaya dikgang tsa phuthego.

Re dumela gore phuthego e tshwanetse go tsenwa ke mongwe le mongwe, bana le bagolo, mme go na le dilo dingwe tse di tlhokang go elwa tlhoko koo. E ka nna tsa go tlamela mongwe le mongwe, tota le bao ba ba ka tshoganang ba lwala malwetsi mangwe, jaaka jwa sukiri. Ka jalo, fa go na le sengwe sa go tshwara mowa, a re se ngathogane,re tlhafune mmogo mo diphuthegong. Bana ba motho ba kgaogana tlhogwana ya ntsi.