Naledi

A re amogele phoso eo

Ga twe mogwebi yo, a re o ne a thusiwa ka madi ka ngwaga wa 2013 mme a bula madirelo a go loga moriri.

Ka fa go bolelwang ka teng, e ne e se la ntlha mogwebi yo a kopana le tiro e ya go loga moriri. Ga twe fa a bolela a re, o ne a sale a simolotse go loga a sale ngwana a loga ba masika. Morago ga foo, fa go ntse go tla, fa a fetsa sekole, a ya go dira/go bereka mo madirelong a moriri.

Go bonala fa go loga moriri e ne e le mpho e mogwebi yo a e abetsweng ka ga a ka a felela fela foo. Go utlwala gore, o ne a fetela pele, a ya go ikoketsa, kana go itlatsa, mme  a dira dithuto tsa go dira moriri kwa Ramatea Brigade ka 2006.  Ga twe e rile fa a se na go wetsa dithuto tseo, a bula madirelo a moriri, a dirisa madi a gagwe. Go a bonala kgwebo e ne ya mo rata, ya tswelela sentle, mme a nna le keletso ya go e atolosa. Ke fa a tlaa kopa madi a banana go bula madirelo a gompieno a leng mo go one.

Motswana a re, ‘Sa tsopa ke go tswa’ O tlaa botsa gore ‘tsopa’ ke eng? ‘Tsopa’ ke letsopa, mmu o o diriswang go bopa dinkgwana. Fa go twe ‘sa tsopa,’ go rewa selo se se dirwang ka letsopa. Seane sone se raya gore, fa o dira tiro, e tshwanetse ya atlega, ga bonala gore, tota o fufula, o fufulela eng. Go bonala fa mogwebi yo wa Kanye, a ne a dira jalo. Ka fa go bolelwang a dirile ka teng, go supa fa e le motho a ne a na le maikaelelo, e bile a itse kwa a go yang. Ga go lebege e le motho a ne a dira fela go diya diatla kgotsa go tsamaisa nako. O ne a dira a batla gore, e re ka moso, a bo a na le motlhala wa gore o tsamaile jang, e bile a ka supa sengwe sa tsela e a e tsamaileng.

Ka o ne a tlhagafetse, tiro ya gagwe ya tswelela sentle, mo go bolelwang a bile a e galaletsa. Ga twe a re, e monate ka o a ipereka e bile o thapile/ hirile le banana ba bangwe. O kgona go duela babereki le go duela madi a go hirisa. Gape, ga twe a re o rotloetsa banana ba bangwe go dirisa mananeo a puso go inamola leuba le go lwantsha seemo sa go tlhoka ditiro. A, e nne mafoko a a monate ka go lelwa thata ka gore bana ba tsena dikole, ba di fetse, mme morago ba nne fela ka ba tlhoka ditiro. Mme monana yo mongwe ke yoo,, ene ka o lekile mme a ya golo gongwe, a re, a banana ba se nne fela, a ba leke go ithusa ka mananeo a puso. Re dumalane nae ka Setswana sa re, ‘Setlogelwa tsatsing, se ikisa moriting.’

Le fa go ntse jalo, ga go reye gore kgwebo e ga e na dipe dikgoreletsi kgotsa dikgwetlho. Go bolelwa go na le dikgwetlho di le mokawana, nngwe ya tsone e le gore mogwebi yo, ga a na lefelo le e leng la gagwe, fa a ka direlang teng. E nngwe ke gore madirelo a moriri a mantsi. Mo go bo go raya gore, ga go motlhofo go dira madi ka nako tsotlhe. Mme fela, go bolelwa fa mogwebi wa rona a sa fele pelo. Ga a leba fela fa go leng thata, o lebile gape le fa a kgonang teng mme seo, se mo tiise moko.

Pego e ya mogwebi wa Kanye re e begelw a ke Dikgang (Daily News Labone Motshewganong 11 2017) Fa e bua ka fa mogwebi yo a itumelelang kgwebo ya gagwe ka teng, Dikgang ya re;

‘Mme Ntebele a re kgwebo e tsamaya sentle ka a …..kgona go duela madi a go hirisa, go duela babereki ka bbbedi…..’

A o le bonye lefoko leo? Lefoko ke leo ga twe ‘bbbedi.’ Ga re dumele fa mongwe a ka tsaya gore lefoko le, ke la nnete. Re dumela gore, rotlhe re tlaa lemoga gore lefoko le, ke phoso, ga se le Dikgang e neng e batla go le kwala. Go raya fela gore, ka tsela nngwe, monwana o ne wa se ka wa tsamaya sentle; o ne wa relela. Boemong jwa go kwala ‘o’ fa go ‘b’ yole wa bobedi, ga kwalwa ‘b’ gape. Eo, ke phoso, re a e amogela. Ga se ka go tlhoka go itse kana ka go dira ka bomo. Motswana o rile, mohudi ga go fose wa tlhobolo fela, a raya gore, motho mongwe le mongwe o kgona go dira phoso. A re amogeleng phoso eo..