Naledi

Batsadi ba rekisiwa le malwapa � Gaorutwe

 

Fa a bua le Naledi ka Mosupologo mabapi le matshwenyego a batsadi, Gaorutwe a re bagolo ba lela ka go bona ditsha tsa bone di tshwana le tsa bonno le masimo di setse di dule mo maineng a bone, go fetela kwa ga a bangwe ntle le kitso epe.

Gaorutwe a re e le lekgotla la gagwe le la Kgatleng ka bophara, le tshwenngwa ke dikgang tseo, tse di tlang fa fa pele ga bone go dirarabolola.

Mabapi le go tsietsa le go amoga batsadi ditsha tsa bone ka ditumalano tse ba sa di tlhaloganyeng tse, Gaorutwe a re ka bontsi jwa bagolo ba sa itse go bala, bogolo jang Sekgoa, bana ba bona phatlha ya go ba tsietsa, ka ba ikanisa bagolo fela ntle le go tlhaloganya.

A re mokgwa o, o ntse o golela pele ka bontsi jwa bagolo ba lela thata go bona ditsha tsa bone di setse di tsenelelwa ke batho fela ba ba sa ba itseng ka ditlhabololo, bogolo jang masimo a a rekisiwang fela beng ba seyo.

O ne a tlhalosa gore dikgang tsa mofuta o, di dingalo go rarabololwa, bogolo jang fa mekwalo ya ditumalano le mong e le teng, a re se se utlwisang botlhoko fela e le gore mogolo o a bo a tsieditswe ka mekwalo ya Sekgoa se se thata.

Go fedisa mokgwa o, Gaorutwe a re o kopa le go gakolola botlhe, bogolo jang bagolo go emisa go dirisana le mongwe le mongwe ka ditsha tsa bone.  A  re ba ka ikopanya le ofisi ya gagwe fa ba ka kopana le seemo sa mothale o.

O ne a bolela gore mokgwa o o utlwisa botlhoko thata ka bangwe ba bone ba sa tshabe kgotsa go sa tlhabiwe ke ditlhong go rekisa ditsha tsa batsadi ba bone.

Go rekisiwa ga ditsha mo kgaolong ya Oodi, Gaorutwe o boletse fa go ile magoletsa, mme a re o kopa gore mongwe le mongwe a leke ka bojotlhe go tlhokomela setsha sa gagwe, mme fa a nang le pelaelo teng, a tlhabe mokgosi kwa lekgotleng la Kaboditsha gore fa go na le mowa wa bosinyi o thibelwe ka bofefo.

O ne a digela ka go kopa beng ba ditsha go di agelela le gone go di tlhabolola morago ga go di bewa, go itsa magodu a ditsha go di utswa motlhofo, a re kana go tlhabolola setsha ga se go aga ntlo e tona, a re le yone ya mmu ya Setswana e siame.