Naledi

Bomme ba Sabata ba tiisiwa moko

 

Ko bo kopanong jo, ga bo gole kemedi ya boeteledipele jwa SDA go tswa moseja wa America. Morutuntshi-mogolo ya bo ele Heather-Dawn Small, moitsaanape e bile ele mokgathatsi wa tuelo ya sekeresete.

Bokopano jo, jo boneng bo tshwere ka setlhogo sa ‘Mme yo o bonokopila’ sene se tshologetswe ke bomme go tswa dikerekeng tsa SDA, magareng ga bone ele molalediwa wa tlotla, eleng Motsamaisa dipuisano tsa Palamente Gladys Kokorwe.

Mme Small, yo aneng a patilwe ke monna wa agwe Moruti Joseph Small, o ne a kgothatsa mme Kokorwe gore a tswelele a dia ka natla mo tirong ya gagwe. A re o ka kgona go dira jalo fa a ka eteletsa modimo mo maikutlong a gagwe a thapelo. A re modimo ke o ne fela o ka mo kaetsang tsela ya lorato le boammaruri mo go eteleleng sechaba, bogolosegolo bomme.

Mme Small, o ne a fa sekai ka botshelo jwa gagwe. A re o ne a bala temana ya Baebele ya Diane 31, e eneng e bua thata ka mme yo o bonokopila. A re le fa ane a sitega go dumelana le ka fa mme yoo a neng a tshela ka teng, morago o ne a fetola maikutlo mme a inaakanya le botshelo jwa aneng a bo tshela.

A re go baleng temana eo, o ne a itemogela gore mme yoo, ene ele motho yo o kgonang go dira dilo tsotlhe fela jaaka lokwalo le tlhalosa. Ka jalo, a re nako nngwe fa ela tlhoko, a lemoga fa le ene a dira dilo tse di tshwanang le tsa mme wa lokwalo le le mo baebeleng le fa a ne a mo kgala gole pele.

O bile a gakolola bomme go ithuta thata ka lokwalo la Diane mo kgaolong ya masome a mararo le bongwe, ka o lemogile gore, ba ka anywa sengwe mo go lone. A re, Mme o tshwanetse go nna jalo, jaaka o mo baebeleng.