Naledi

Boradikhombi ba dira Kabomo

Ga se bakgweetsi ba bangwe fela ba ba tshenyegang, mme le bapalami ba amega ka le bone ba feletsa ba amiwa ke letshogo le ka dipaka dingwe go felelang ka dikotsi tsa tsela.

Tlhowa e batla go tsaya sebaka se go lemotsha boradikhombi gore, ba tshwanetse ba itlotla pele, go tlotla bakgweetsi ba bangwe, le mo palami le gone go tlotla le go obamela molao le matshwao a tsela ka dinako tsotlhe.

Mabaka e le gore, ke bone kana ba tshotseng matshelo a batho ka dinako tsotlhe, ka ba na le tetla ya go dira jalo, ke sone se puso e ba tlotlang go lekana le gone go ba tshepha ka matshelo a tshaba ya yone, eleng Batswana.

Go ka nna maswabi fa Tlhowa e ka batla go itebatsa fa boradikhombi, ba neetswe tshwanelo ya go rwala setshaba mo dikoloing tsa bone, mme e se go bo go latlhelelwa fela, kgotsa ba ratiwa go gaisa ba bangwe.nnyaaa betsha! Ke ka gobo ba sugilwe pele, mme ba neelwa setlankana teseletso (PSV) ya go kgweetsa matshelo a batho ka pabalesego e e kwa godimo.

Ka ba tshotse PSV e jaana, Tlhowa e swaba nko go feta molomo go bona boradikhombi ba tsweletse ka mokgwa fela o o maswe, ebile wa bo setlhogo wa go kgweetsa mo ditseleng, go sa kgathelesege gore a ba pegile batho kgotsa nnyaa. Ga gona motho ope yo o ka reng ga a itse ka fa boradikhombi ba dirang ka teng mo ditseleng, go tloga fela ka go tsenelela dipone tsa mesepele (diroboto), go feta dikoloi tse dingwe ka fa go sa fetweng teng (molemeng), go tsena gongwe le gongwe mo moleng.

Dilo tse tsotlhe, Tlhowa e batla go bolelela boradikhombi gore ke tsone di bakang dikotsi tsa tsela gantsi. Mme ebile go sa kgathelesege gore a khombi e ne ya amega mo kotsing eo, kwa bofelong rakhombi ke ene a bakileng kotsi eo ka a kgoreleditse bakgweetsi ba bangwe ka go tsena gongwe le gongwe fela.

Tlhowa e bowa e ipotsa gore, fa boradikhombi ba itirela go kgona le go rata mo ditseleng jaana, a mapodise a lebile? A se ga se reye sepe fela, ebile ga gona dikgato dipe tse di maleba tse di ka tseelwang boradikhombi. Go tlhamaletse gore boradikhombi ba supa sentle gore bone ba kwa ga mmapereko fela mo ditseleng, ba dira mo gotweng o ka nna wa ya go ikaletsa fa o ngongorega, mme bone ba tsweletse go akola go baka dikotsi kabomo.