Naledi

Kgwele ya kgarakgatshiwa kwa Kgatleng

Mogomotsi
 
Mogomotsi

Fa ditlhopha di le mo phuthegong ya lekgotla le le tsamaisang merero ya kgwele ya dinao ko Kgatleng bosheng, bagolwane ba ditlhopha ba ne ba ngongorega ka fa komiti e e eteletsweng ke Clifford Mogomotsi e dirang dilo ka teng. Tota selelo segolo e le go tlhoka therisano fela e e bonalang, ba afa sekai ka phuthego e e neng ya tlosolosiwa ka ditlhopha di ne di sa bolelelwa nako e santse e le teng.

Kgang e nngwe e e mo tafoleng le ntswa tota e sa rarabologwe, ke e ditlhopha di ngongoregang ka se ba reng ke sa dirisiweng sentle ga madi, ba re kgang e bone e le bagolwane ba ditlhopha e a ba tshwenya, ka gangwe le gape fa pego ya madi e tshwanetswe go dirwa, ga e tlhaloganyesege gotlhelele.

Bagolwane ba ditlhopha ba boletse gore ba batla pego fela e e papa,etseng ya madi, bogolo jang ka motshwara madi ene a bolela gore madi ene ga a ise a ko a bone madi mangwe a go buiwang ka one, a go belaetsang a ile kwa kgetseng ya mongwe.

Mogolwane wa setlhopha sa Fast XI, Arthur Ntsomeng o ne a tlhalosa gore go botlhokwa thata gore komiti e eme ka dinao go ba tlhalosetsa e le ditlhopha gore go tsileng jang gore motshwara madi a seka a kopana le madi mangwe. A re ka na bone e le ditlhopha ba itse sentle gore madi a tshwantswe go neelwa motshwara madi gore a kgone go a arabele, a re ga go a tshwanela gore mongwe le mongwe fela a ise lebogo go tsaya madi a ntse a itse a sena tshwanelo.

Mafoko a a ga Ntsomeng a ne a tlatswa ke mogolwane wa Blue Vultures yo le ene a reng go botlhokwa thata gore dilo di dirwe ka thulaganyo, a re komiti e tshwanetse go itsosa ka gore tota dilo dingwe di a belatsa. Ba ne ba tswelela ba kopa gore a komiti e ne e leka gore fa go na le dikgang fa pele ga bone, ba di fedise ka bonako, eseng gore di emisidiwe gore liki e fele pele.