Naledi

Batsadi ba ema kirikete nokeng � Ramakrishna

 

Mogolwane wa BCA,Girish Ramakrishna erile ka Matlhatso kwa mabaleng a kirikete a bolelela Naledi fa a itumela thata go bona ka fa batsadi ba bana ba lekang ka kemonokeng ka teng, a re ngwana fa a dira selo, e ka nna kwa sekoleng mo dithutong, o tlhoka motsadi go mo kgothatsa. A re o bua jaana ka a bona ka fa batsadi ba thusang bana ba bone mo motshamekong o wa kirikete ka teng, se a reng ke sesupo sa gore batsadi le bone ba setse ba o tlhaloganya.

O ne a ntsha boitumelo jwa gagwe a re bontsi jwa bana ba kgona go tla ikatisong ka mafelo a beke ka batsadi ba bone ba ba golola kwa malwapeng, mme ebile mo godimo ga mo, ba ba neela madi a go palama ntle le bothata bope. A re se ke kemonokeng fela a mongwe le mongwe a ka e itumelelang go tswa mo batsading ba ba supang maikarabelo.

Ramakrishna a re fa ba simolola loeto la bone la go isa kirikete kwa Batswaneng dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, go ne go se bonolo gotlhelele, a re se e ne e se gore batsadi ba bana ga ba rate bana ba tsena mo go one, mme tota e le gore ba ne ba sa o itse.

Ka ntlha ya go dirisa barutabana ba dikole tse dipotlana, motshameko o, o ne wa kgona go anama le dikole ka bontsi, go ralala lefatshe lotlhe la Botswana, mme erile go bona gore jaanong o setse o le mo dikoleng, Ramakrishna a re ba ne ba bona go le botlhokwa go o isa kwa tshabeng ya Botswana yotlhe. Se a re ba ne ba se kgona ka go tsena mo tshabeng e, mo dikgaolong ka go farologana go batla baithaopi ba ba ka berekang le bone.

Bone baithaopi ba, gammogo le barutabana, mogolwane yo a re ba ne ba kgona go bereka ka natla mo ba ileng ba kgona gore ngokela ba bangwe mo go one, se jaanong a reng ke sone tota se thusiseng gore le batsadi ba metse le metsana ba felela ba itse ka one.