Blogs

Ga go na ope molao

Re setse re boletse gore, re ne ra kopana le lefoko le, nako ele fa Dikgang (Daily News/Lwetse 14 2017) e ne e bua ka Mopennweeng o bogologolo o neng o dirisiwa e le poso kwa Molepolole. Go ne ga twe, setlhare se, se ne se dirisiwa methale e mesha ya ditlhaeletsanyo e ise e nne teng.

E rile boemong jwa gore e re ‘methale,’ Dikgang (Daily News) ya re, ‘metlhale.’ Kgang e ne ya tswa gone fa re re, go kwala kgotsa go bua re re metlhale, ke phoso ka gore, lefoko le, ga le na ‘l’.  Kgang ya rona nako ele ya nna go gakolola gore, go bua kana go kwala sentle, ke gore go twe, mothale/methale, e seng motlhale/metlhale.

Re itse gore, go na le lefoko ‘motlhala,’ le raya fa selo se fetileng kana se gatileng teng. Kgomo e ka timela, mme ya re e batliwa, ga lejwa fa tlhako ya yone e gatileng teng. Fa go ka bonwa, tlhako eo e tlaa salwa morago, e latiwe, mme go twe kgomo e tsewa ka motlhala. Go tsaya ka motlhala e le eng? Go tsaya ka motlhala e le go tsamaya gongwe le gongwe fa kgomo eo e gatileng kana e fetileng teng, go solofetswe gore, ka go dira jalo, e tlaa fitlhelwa golo gongwe.

A re tseye sekai re re, go timetse kgomo e tshunyana e bidiwa Diadirega. Kgomo e, ke kgomo e e mashi thata mo e leng gore, fa e ka fetsa malatsi e sa goroge, bana ba ka swa ke tlala. Ka ga a batle bana ba ka lala ka tlala, Dikgethe o a tswa, o ya go batla kgomo e. A ise a ye gope kgakala, o leba fa fatshe go bona gore, a ga go gope fa Diadirega e fetileng teng. Fa a ka go bona, o tlaa go sala morago mme fa motlhala o sa mo timelele gope, a o late go fitlhelela a bona kgomo eo. A re tswelele re re, Diadirega e ne e ya go nwa mme Dikgethe o e lata go fitlhelela a tsena kwa e neng e ya go nwa teng. Mme go ka direga gore, a e fitlhele koo, kgotsa a fitlhele e setse e nole, e bile e tlhatlogile.

Fa a sa e bona, a bo a ka nna a tswelela a batla, kgotsa a itlhoboga, a boa a iphotlhere. Fa a e bonye, a boele gae pelo e le tshweu. A Motswana ga a rile, go disa ga modisa ke go gorosa?  Ka ke eo o e bonye Diadirega, e re a bodiwa gore o tsamaile jang fa a batla, Dikgethe a re, o e tsere ka motlhala go ya go tsena kwa e neng e ile go nwa teng. Re tlaa lemoga gore lefoko ‘motlhala,’ le kwalwa ka ‘l’  mme ka jalo, le farologane le ‘mothale/methale.’

Nako ele fa re se na go supa gore fa re re motlhale/metlhale ga re kwale/bue sentle, potso ya tla. Bangwe ba botsa gore, ke eng fa go re motlhala/metlhala go siame mme fa go twe motlhale/metlhale gone go bo go sa kwalwe kana go sa buiwe sentle.

Karabo ke gore, ga go na lepe lebaka la gore ke eng go ntse jalo, fa e se fela gore, Setswana se thaegile jalo. Re fitlhela go buiwa jalo, le rona ra bua jalo.

Re itse fela gore go ntse jalo, mafoko mangwe a Setswana a na le ‘l’ fa a mangwe one a se na nae. Se se hakgamatsang ke gore, mafoko a ka tshwana, a farologanngwa fela ke ‘l’ yoo. Ka yone nako ele, re ne ra ntsha sekai ra re, lefoko ’ditlhako,’ bontsi (plural) jwa tlhako le setlhako, le na le ‘l,’ fa dithako, bontsi  jwa lorako, lone le se na nae. Sekai se sengwe ke lefoko ‘tlhaga,’ le raya bojang, kana bonatla jaaka go ka twe, ‘Naledi o tlhaga;’ le ‘thaga,’ nonyane e e tshwenyang balemi, e ba jela mabele.

Fa re se na go tlhalosa gore mafoko mangwe a Setswana a na le ‘l,’ mme a mangwe ga a na tlhaka eo, potso ya boa ya tla. Ba botsa gore, a go na le sengwe, kgotsa molao mongwe, (grammatical rule) o o supang gore ke afe mafoko a a kwalwang ka ‘l,’ ke afe a a se nang tlhaka eo. Re boa gape re re, ga go na ope molao wa go nna jalo, fa e se fela gore, ke Setswana, se buiwa  jalo, se kwalwa jalo. Jaaka re setse re supile, re bile re bonye fa godimo fale, mafoko mangwe a na le tlhaka eo, mme a mangwe ga a na nayo.

Ka ga go na ope molao wa gore ‘l’ yo o dirisiwa jang; o tsena fa kae, ga a tsene fa kae, ka lebaka lefe, o tsenya batho bangwe dingalo, ba se ke ba mo dirise sentle jaaka re bonye ka lefoko ‘motlhale.’

Gongwe fela re ka re, tsela e nngwefela fela ya go ithuta go dirisa tlhaka e. A e re re bala Setswana, le re reeditse se buiwa, re ele tlhoko gore, ‘l’ yoo, o tsena fa kae, ga a tsene fa kae. Seo, e ka nna one molao fela wa go ithuta go dirisa tlhaka e sentle. Kwa ntle ga moo, ga go ope molao. motshwanes@yahoo.com