Naledi

Leruo le ganyaola batho

 

E ne ya re bosheng, Ramapodisi a Mochudi, Superintendent Simon Sitale a lela ka seemo se, a re se bakwa ke leruo le le gobeyang mo ditseleng tsa Kgatleng, go akaretsa le yone ya A1, e e golaganyang borwa le bokone jwa lefatshe leno.

Sitale a re, ntswa puso e tshwenyega ka dikotsi tsa tsela tse di bakwang ke leruo, go lebega barui ba tsweletse ka go ikgatholosa maikarabelo a bone a go le tlhokomela.

A re e setse e le selo modiro gore tsela nngwe le nngwe e bonwa ka dikgoropa tsa dikgomo le ditonki, di rapame fa thoko ga tsela morago ga go thulwa ke dikoloi.

A re go thulwa mo ga tsone, bogolo jang bosigo, go letsa botlhoko ba sepodise ka ba re beng ba leruo ba tshwantse go tlhomamisa fa ba tlhatlhela leruo le bosigo go fokotsa dikotsi.

Tselang e nngwe gape e e tletseng ka dikotsi tse di bakwang ke leruo, ke ya Maratadiba ko e e tswang kwa mololwaneng wa Tlokweng, e go boletsweng fa go sena letsatsi lepe le le fetang go sena kotsi ya koloi le kgomo kgotsa tonki.

Ramapodise wa Tlokweng Robson Maleka a re seemo sa dikotsi mo kgaolong ya gagwe se mo utlwisa botlhoko thata ka e le go tlhoka maikarabelo a barui ba ba sa tlhokomeleng leruo la bone.

Ba sepodise ba bolela gore, leruo le le bakang dikotsi tsa tsela tse, di a ba sokodisa, bogolo jang leruo le le senang matshwao le ditshipi tsa beng.

Ba re fa e le tse di nang le tsone, go ka nna motlhofo go itse beng ba tsone mme ba tlhagisiwa le go atlholelwa melato e ya leruo la bone.