Naledi

A re utlwe le ka tse di phutlhameng

Ga re badupi ba dibuka tsa madi. Ga re ise re ke re tlhodumele dibuka tsa mananeo a puso a go tlhatlosa Batswana.  Mme fela, fa re ntse re reeditse, re feta ka  metswedi mengwe ya dikgang, re a tle re utlwe go buiwa ka fa mananeno mangwe, bogolo jang la nyeletso lehuma le la banana (YDF), a tsweletseng sentle ka teng. Go bolelwe gore, e rile bangwe ba se na go thusiwa, ba tlhagafalela go dira tse ba neng ba rile ba tlaa di dira. Bangwe ba rue, bangwe ba bule dikgwebo. Botlhe ba atlege, ba tswelele pele. 

E a re go utlwa se, re bone gore motlhala o teng. Re bone gore, madi ale, le fa re sa itse gore a dule e le bokae, gone a dira sengwe se se ka tsogang se belega Batswana. Bangwe ba ba kwa tlase,  ba tswe pelo, ba eletse go ipona le bone ba ruile kana ba butse dikgwebo tsa bone.

Le fa go ntse jalo, ga se mongwe le mongwe yo e reng a thusitswe ka mananeo a puso, a atlege. Bangwe ba lenaneo la nyeletso lehuma ba kile ba rua dikgaka, mebutla, ba lema merogo (backyard gardening). Mme fa re ntse re tsamaya mo, ga re utlwe kgaka e lela gope, ga re bone mmutla gope, merogo le yone ga e bonale. Matlo ale, a a neng a agetswe dikoko, a fetogile matlotla.

Mo ke sesupo sa gore, golo gongwe, mananeo a, ga a tsamaye sentle. Jaanong, a re se bolelelwe fela ka dikgwebo  tse di atlegileng. Go dira jalo go tlaa re timetsa, re tseye gore, tsotlhe ka mananeo a, ke tsela tshweu ntswa go sa nna jalo. A re utlwe gape le ka tse di phutlhameng ka le tsone di ka re ruta sengwe. Re ka itse gore, fa go padile, go padille fa kae, ka lebaka lefe.  Bangwe ba itse gore, tsela e ba batlang go e tsamaya, e dikhuti fa kae, e mekong fa kae, le gore, fa go kgonega, tseo ba ka di tila jang.