Naledi

Ke go nna ka diatla

Ga re ise re dire dipe ditlhotlhomiso, mme fela, go bolelwa fa Bazezuru ba rata tiro e thata mo e leng gore, le bana ba rutwa go e dira ba sale bannye. Boemong jwa go isiwa sekoleng, bana ba gola ba rutwa go betla le go dira ditshipi.  Mogopolo o, ke mogopolo o montle, ga re o gane. Fela bangwe ba ka o nyatsa ba re, go ruta ngwana mo gae ga go mmule tlhaloganyo go feta jaaka fa a ne a ka  rutwa  kwa ntle, kwa sekoleng.

Ba ka re, go na le go rutwa mo gae, a bana ba isiwe sekoleng. Kgotsa ba re, ee, a ba rutwe mo gae, se, e le go ba feelela tsela fela mme morago ba isiwe sekoleng go ya go ithuta mo gontsi.

Go utlwala gore, e rile kgwedi eno e simologa, mothusa tona ya thuto Rre Goya, a bua le morafe wa Bazezuru kwa Palapye ka kgang ya bana go tsena sekole, a bo a supa dilo dingwe tse di molemo ka thuto.

Ga twe mothusa tona o ne a re, thuto ke boswa jo bana ba ka se ke ba bo amogwe ke ope. E ke puo e e leng gore ba le bantsi ba rotloetsa bana go tsena sekole ka yone. E re ngwana e kete o tlaa itsapela go ithuta, a tewe go twe a tlhagafale, a itse fa a itirela boswa jo ope a ka se keng a bo tseye mo go ene. Ngwana a kgothale, a lekele pele. Mothusa tona a se ka a bua fela ka gore a bana ba isiwe sekoleng. Ga twe a fetela pele, a akgolela Bazezuru gore, ke batho ba ba itsegeng ka go dira ditiro tsa diatla. A tswelela a re, go tsenya bana sekole, go ka ba thusa go oketsa dikitso tsa bone.

A gatelela seo ka go supa fa thuto ya gompieno e se ya go bala le go kwala fela, mme gape e ruta ditiro tsa diatla. Fa, mothusa tona o ne a wela mo go reng, bana ba ka rutwa se ba se rutwang kwa gae, seo e le go ba bulela tsela fela, mme morago ba ya go itooletsa pele kwa sekoleng.

Ka go na le selelo sa gore lefatshe leno le tlhaelelwa ke dijo, Batswana ga ba leme mo go lekanyeng go le jesa, mothusa tona a se ka a bua ka thuto fela. Godimo ga thuto ga twe Rre Goya, o ne a rotloetsa morafe wa Bazezuru go tsena mo temong go thusa go ntsha dijo tse di lekanyeng go jesa Batswana go sa rekwe dijo ka kwa ntle ga fatshe la bone. Fa, re bona mothusa tona a ne a ganana le Setswana se se reng, motshitshi  go gama o mmotlana, o montsi o a diana; mothusa tona, jaaka ba bantsi, o ne a dumela gore, kgetse ya tsie ke go tshwaraganelwa; moroto wa e esi ga o ele.

Polelo e ya ga Rre Goya a le kwa Palapye, re e begelwa ke Dikgang (Daily News/ Labotlhano  Seetebosigo  09 2017). Fa e ntse e tsweletse e bua ka fa mothusa tona a neng a bua le Bazezuru ka teng, Dikgang ya re;

‘ O akgoletse morafe wa Bazezuru ka go nna morafe o o tlhaga o o sa nneng ka matsogo…..’

Mo temaneng e, ga twe Bazezuru ga ba nne ka matsogo. Gantsi fa Mmualebe a bua, o a bo a sa leke go nyatsa ope kgotsa go supa ope ka monwana; e a bo e le go supa fela gore, Setswana sone se thaegile se bua jang. Ba le bantsi ba tsaya gore lebogo le seatla ke selo se le sengwefela, go a  tshwana.

Fela re setse re kile ra bua gore, dilo tse ga di tshwane. Ra re, fa re tshwara  dijo, re tlhapa diatla, e seng mabogo jaaka bontsi bo tlwaetse go bua. Ra re, lebogo ke karolo/tokolo yotlhe ya mmele go tswa kwa legetleng go ya kwa seatleng  fa seatla sone e le karolo ya lebogo e re tshwarang ka yone.

 Jaanong fa re bua ka tiro, Setswana sa re, motho ga a nne ka diatla, se raya gore, motho wa go nna jalo, ke motho yo o tlhaga; motho yo a se ke a rata go nna fela a sa dire sepe. E re fa Naledi a ka tswa, a ya go batla tiro golo gongwe, a e bona, go twe Naledi o tsentse diatla koo , e  seng mabogo. Motho yo a batlang go tlhola a ntse fela a sa dire sepe,  ene go twe o nna ka diatla, e seng ka mabogo