Naledi

A mmele o sirelediwe � Tshireletso

 

Tshireletso o boleletse Naledi mo potsolotsong maabane gore, morago ga ditiragalo tse di setlhogo tsa go bolawa ga banana ka Seetebosigo, ngwaga wa 1976, mafatshe a ne a nna moono o le mongwe go amogela gore se se diragaletseng banana ba Aferika Borwa, se ka diragalela ngwana mongwe le mongwe kwa lefatsheng lefe fela.

A re thuto ke modi wa kgodiso e e lolameng ya ngwana, ka jalo e tshwanetse ya  tlhwaafalelwa go atolosiwa.

Fa godimo ga botlhokwa jwa thuto, Tshireletso a re go na le dingwe tse di botlhokwa tse babusi le bana-le seabe mo tlhabololong ya motho le lefatshe, ba tshwanetseng go di ela tlhoko, tota le go di tlhabolola. O file sekai ka kgokgontsho ya ngwana wa mosetsana ka kiteo, maikutlo a akaretsa tshotlako ka mafoko a ditlhapa le lesotlo.

Le fa gontse jalo, Tshireletso o ne a bolela fa ngwana wa mosimane le ene a tshwanetse go fiwa lerato le kgakolo e e tshwanetseng mo kgolong ya gagwe.

Mothusatona Tshireletso, yo gape a leng moeteledipele wa bomme ba mapalamente, o boletse fa dikgang tsa kgodiso e e tletseng kgokgontsho di golela pele mo lefatsheng la Botswana.

A re ke ka moo go leng botlhokwa gore monongwaga mo segopotsong sa ngwana wa mo Aferika, go tshwanetseng ga itebaganngwang le go tla ka megopolo ya go sekaseka melao e e itebagantseng le kgodiso le tlhokomelo ya bana.

A re, e tlaare kwa segopotsong se se tla tshwarelwang kwa Kasane ka Labotlhano, a amogane le Batswana ka dingwe ditiragalo tse di setlhogo tse di dirwang ke bomme le borre, ele tsa tshotlako ya bana mo malwapeng.

Mmueledi oo wa ditshwanelo tsa batho ba ba amilweng ke dikgwetlho tsa botshelo ka go farologana, o boletse fa bomme le bone ba setse ba inaakantse le go dirisa ngwana wa mosimane mo ditirong tsa kgokgontsho jaaka tlhakanelo dikobo le bao ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome.

“A e re re bua ka kgokgontsho ya ngwana wa mosetsana le mmaagwe, re bue gape ka kgokgontsho ya ngwana wa mosimane, yo e reng a gola a dire tse di sa reng ee! kgabagare a thubegele maikutlo a botlhoko mo go wa mosadi,” Tshireletso a tlhalosa jalo.

Mabapi le tiragalo ya bosheng ya go kgokgontshwa ga mosetsana mongwe kwa maemolong a dibese, Tshireletso o gateletse mafoko a gagwe a re, seo ga se amogelese. Ya re a tsibogela tiragalo e nngwe gape ya bosheng, e bomme bangwe ba neng ba bopelela ba apere ditswalo ka go farologana, dingwe di ntshitse dikarolo tse di bofitlha tsa mmele, Tshirelets o ne a bolela fa e se setho, a re tota le mo Setswaneng go se maleba go apara jolo. 

A re le fa gontse jalo, o lemoga fa bomme bao, ba ne ba dirwa ke go tlala maikutlo mabapi le tiragalo ya go kgokgontshiwa ga mosetsana yo a neng a stwa setlhabelo kwa maemelong a dibese.