Naledi

Monana o buile

Le fa re santse re gakologelwa seo, go na le dingwe ditiragalo tse di neng tsa dirwa ke maburu mme ele pele ga ngwaga wa 1985.

Tsone e ne ele tsa ngwaga wa 1976. Morago ga moo, le go fetolwa ga puso ya tlhaolele, mafatshe a Botswana le Aferika Borwa, a ntse rulaganya segopotso tsa batswasetlhabelo ba ditiragalo tse.

Ke nako eo, mekgatlho ya ANC le eme ya lefatshe leo, e e ne e rulaganya ditiro tsa go lwantsha kgethololo ya letso le mmala, mowa o oneng o tlhotlholetswa ke mmuso wa tlhalolele.

Monongwaga ka Labotlhano wa beke eno, go tla nna le segopotso sa ba o ba baneng ba amega mo mekubukubung e banana ba Aferika Borwa baneng ba kgatlampola ke digopa tsa mapodise le masole a Aferika Borwa.

Ka moso wa Seetebosigo a le lesome le borataro (June 16) ka ngwaga wa 1976, diketekete tsa baithuti ba bantsho di ne tsa bolotsa dipopelelo tsa go tswa kwa dikoleng tsa bone, go ya kwa lobaleng lwa metshameko lwa Orlando.

Baithuti ba ne ba gantwa kgatlhanong le tshwetso e eneng e tlama baithuti ba bantsho gore ba rutiwa teme ya seburu kana Afrikaans, mo dikoleng tsa batho bantsho, go ralala lefatshe la Aferika Borwa.

Go buiwa ka diteme tsa batho bantsho jaaka sezulu, sexhosa, le tse dingwe, di ne tsa emisiwa go rutiwa, selo se seneng sa kgobera maikutlo a baithuti.

Megwanto eo, maikaelelo a yone e ne ele go bopelela ka kagiso, maikaelelo ele go lemotsha puso fa go sa tlhokafale go tsaya tshwetso eo.

Seemo sa tsaya phekelo e sele, jaaka mapodise a ne a leka go phatlalatsa baithuti bao. Ga dubega mme baithuti ba ka feta makgolo a matlhano ba bolalwa.

Bangwe ba ithuta ba ne ba bolalwa jaaka Hasting Ndlovu, yo eneng ele ngwana wa ntlha go bolawa le Hector Peterson yo aneng ale dingwaga di lesome le bobedi (12). Bangwe ba baneng ba amega ene ya nna Tsietsi Mshinini yo aneng a eteletse dipopelelo tseo.

Jaanong, Naledi e tla latedisa ditiragalo tseo le gore ke eng lefatshe la Botswana le a mangwe a ne a lemoga botlhokwa jo seabe se baithuti bao, baneng ba nna le sone gore lefatshe leo le bo lele mo thitibalong e leleng mo go yone dingwaga tseno.

Malatsi a no, re bona jalo banana ba na le seabe se segolo mo tlhabololong ya thuto mme ka jalo lentswe la bone le le botlhokwa mo go nonotsheng thuto le itsholelo ya mafatshe a bone.

 Tokafatso ya go sekegela dilelo tsa banana, mo mehameng wa ditshwanelo, e ya bonala, ka jaanong ba kgona go itlhophela diteme, go lebilwe dikgoro tsa mebereko ya se gompieno.

Batswana le batho ba mafatshe a mangwe, ba bone gole botlhokwa jalo go rulaganya letsatsi la monana wa Aferika, se ele go lomaganya moono wa letsatsi leo le ditiragalo tsa 1976.