Naledi

A barui ba okeletswe dikatlholo

Ka jaanong lebega barui ba sena sepe le gore leruo la bone le baka dikotsi le gapa matshelo a batho, re kopa puso go ema ka dinao go gagamatsa barui ba diphogwana ka dikatlholo.

Dingwaga di setse di le dintsi thata, puso ka lephata la dipalamo le sepodise e ntse e ruta barui  ka borai jwa go lesa leruo la bone le gobeya mo ditseleng tsa dikoloi, go akaretsa le mo go tsone ditoropo tota, mme re a bona gore thuto e le kopo di wela mo ditsebeng tse di tletseng ditshoka tsa barui.

Barui ba na le tshwanelo ya go aga masaka kwa masimo le merakeng go tlhatlhela leruo la bone mo go one fa go le bosigo, se e le gore ba thuse mo go fokotseng kgotsa gone tota go fedisa dikotsi tsa tsela tse di tshwenyang tse.

Mme re hakgamala thata ka go bona barui bangwe ba aga masaka, mme ba a dirisa go gama fela, morago ba ntshe dikgomo ba dikobele kwa ditseleng fa go nna bosigo, le ntswa ba bona le go itse ka fa di leng borai ka teng.

Ka matshelo a tsweletse ka go latlhega mo dikotsing tsa tsela ka ntlha ya leruo, ga re tlhaloganye gore ke eng barui bangwe ba tsweletse ka go latsa dikgomo nageng bosigo, ka ba itse sentle gore fa go nang le ditsela tse ditona teng, leruo le le felela le ile teng.

A barui ba ititeye ka thupana gore le bone ba rwala maikarabelo a a go laola leruo la bone, ba itse go tsamaela mo ditseleng tse di nang le palo e ntsi ya dikoloi ka se se ka fokots thata dikotsi tsa tsela tse di bakwang ke leruo.

Puso le yone ka jaanong go a bonala gore barui ba goga dinao mo go fokotseng dikotsi tsa tsela tsa leruo, re eletsa go bona sengwe se dirwa, mme fa re bua ka dikatlholo tse di tla a letsang barui go utlwala ka go lebega tsa gompieno ba di tlwaetse thata ka di le kwa tlase.

Puso e tshwanetse go sireletsa matshelo a bakgweetsi le bapalami ka tlhwaafalo.