Naledi

Lesika la Rantswana le itsanye

 

Linchwe a re go dira jalo go botlhoka ka go ka thusa ope fela go tlhodumela modi wa kwa a tlholegang teng le go itsane botoka ele masika.

Kgosi Segale o buile se ka Matlhatso, kwa a neng a le sebui sa tlotla mo moletlong wa Barwa Selo sa Motlhaba, ba maikaelelo a o bone eneng ele go itsane mo tshikeng tsa pele. Moletlo o, o ne a gogwa kwa pele ke monnamogolo Tlawele TM Motlhatlhedi yo ene a setseng a tshwere dingwaga tse di makgolo a robabongwe (90).

O ne a bolela fa Bakgatla e le morafe o o itseng go dira dilo ka thulaganyo, eleng seo bontsi jwa bone ba itsane, a tlhalosa gore go tswa bogologolo, go ne go ntse go tshwarwa meletlo e ya go itsane le le masika. A re go ne go dirwa jaana ka go tlhaba dikgomo, go apewe mme masika otlhe a bitsane go tla go itisa mmogo. A re ke nako a bana le dikokomane di kgonang go bontshiwa masika a bone a ba sa a itseng, bogolo jang ka go sa nnwe felo le lengwe.

A tlhalositse gore, tiro e ya a re itsaneng, e ne e dirwa ke bagolo, kgotsa batsadi ka e le bone ba itseng gore masika otlhe a bone a ko kae, a rotloetsa gore a mowa o montle o o supilweng ke Tlawele Motlhatlhedi le botlhe ba losika la gagwe, o tswelele o nne teng.

Ka se, a re se ka thusa thata gore bana ba ba tswang ko tlase, kgotsa ba segompieno ba gole ba itse masika a bone a a gaufi le kgakala jaaka a a kwa mafatsheng a sele jaaka Aferika Borwa, Lesotho jaaka a bona go diragala mo letsatsing le legolo le la Barwa Selo Sa Motlhaba. Batho ba ba tsebe e phatlhana e bobowa.

O ne gape a bolela gore mongwe le mongwe a tseye letsatsi le ka tlhwaafalo gore a kgone go itse motlhala wa gagwe sentle, a re segaabo motho se monate thata, mme go ikitse le gone e le botlhale jo mongwe le mongwe a tshwanetseng go nna le bone.

Monnamogolo Motlhatlhedi o ne a bolela gore tota letsatsi  le ke la tiro ya lesika la ga Rantswana, le a reng le simologile fela ka Modisane, Tshekedi go tsena ka Motlhatlhedi. O ne a supa kitso le botlhale jo bo kwa godimo fa a nankola lesika le looRa Barwa Selo sa Motlhaba a supa ditlogolo tsa Rantswana go tswa kwa Masiane le ba Ralebotsa bo Lesolebe Mogorosi, Mmamoitali. A tlhalosa ka ba kwa Mabalane le gore ba nnile jang koo.

TM o ne gape a bitsa ditlogolo tsa Motlhatlhedi, ba tswa ka magoro go tloga ka barwa Katse, ba Letshebetshebe, barwa Magetse le bone ba Luka tota. Morago a kgabanyetsa kwa Aferika Borwa jaaka a ne a bua ka ba Mmatsela, ba le bone a ileng a ba balakanya ka go tsalwa ga bone.

O ne a bua ka Motlhatlhedi, mme a bitsa bana ba gagwe, a bitsa bana ba ga Tlawele, a tloga a bitsa borangwane eleng ba Gaseitsiwe, mme ga itumedisa thata go bona lesika le le supiwa ka bokgabane le botlhale jo bogolo.

Erile go wetse se, monnamogolo Tlawele a bolela gore o itumetse fela thata go bona go ntse jaana, a re o leboga botlhe fela ba erileng a bitsa pitso e, ba e amogela.

A re o kopa gore go tswelelwe go dirwe jaana. A gakolola gore ene kana tiro ya gagwe o setse a e weditse, a re dingwagwa tse 90 ga se mmowa fela, eleng seo a boneng go le botoka gore e re a santse a le botshelong a phuthe lesika la barwa Selo Sa Motlhaba a le kopanye.