Naledi

Ditena tsa motlhaba wa Kgalagadi di supa maduo

 

Se setla morago ga go simolodisiwa ga go dirwa ga ditena tse di bopilweng ka mmu wa Kgalagadi dingwaganyana tse di ko morago.

Baagi ba Lehututu, ba eme sejaro go re mogang kago e e agilweng ka setena seo e wele mme dikakgolo mabapi le kago ka setena seo, e galalediwe.

Kago ya madirelo eo, tshwaraganetswe ke khomponi ya BITRI le Khansale potlana ya Hukuntsi. E simolotswe ka ngwaga oo fitileng, ka kgwedi ya Moranang, mme e lopile goromente madi aa kanang ka P2 million.

Le fa kago e tsweletse sentle, e kile ya aperelwa ke dipuopuo tsa gore, ga ya tshwanela go laolwa ke ofisi ya ga Tautona e e itebagantseng thata le nyeletso lehuma, mme morago ga lebega puso e setse e tsere tshwetso ya gore e nne ya lenaneo la nyeletso lehuma.

Seabe sa banni ba Lehututu mo kagong eo, ke go bo batlhoki ba le borobabobedi ba ne ba rutuntshiwa ka go bopa setena sa kago eo, ka thuso ya khansele ya Hukuntsi.

Mo therisanong le komiti ya ditlhabololo (VDC) ya Lehututu ka Labotlhano, rraboipelego wa Lehututu Oscar Makgetho o tlhalositse fa bao ba ba thapilweng go dira kago eo ya madirelo a ditena, batla tswelela ba direla koo ka mmereko wa senela ruri.

Makgetho a re o dirile ditshekatsheko pele ga go bona batlhoki ba a setseng a ba kgethile go ya dithutong, a tlatsa ka gore o tlhaloganya sentle gore bangwe mo morafeng wa Lehututu bana le go ngongorega mabapi le ditshwetso di tsewang ke khansele tse di amanang le ditlhabololo tsa motse wa bone.

O ne a tswelela a tlhalosa gore batlhoki ba a setseng a ba kgethile, ba tla phimolwa mo lenaneong la go phaka dijo, tse di fiwang batlhoki kgwedi le kgwedi. A re dijo tseo, di fiwa bao ba ba sa direng kana ba sa obe letsogo gope.

Ya re a akgwa Makgetho kgaba, monnasetilo wa komiti VDC ya Lehututu, rre Bassie Ramomo a re ba itumelela tshwetso ya puso ya go tlhamela banni ditiro ka madirelo a ditena tsa motlhaba. A re le go ntse jalo, puso e tshwanetse go tla ka methale e me ntsi ya go thamela banni ditiro.

A re madirelo a dithoto a ka rola puso mokgweleo wa letlhoko la ditiro ka gore a hira batho ba bantsi. Ramomo a re ditshekatsheko di supa sentle gore serodumo sa letlhoko la ditiro se ka beba fela fa lefatshe la Botswana le ka inakanya le metlhale ya go tlhama madirelo a dithoto, a tlatsa ka gore seo se ka godisa itsholelo ya lefatshe la Botswana ee ikaegileng thata ka diteemane.

E ntse ele kwa phuthegong eo, banni ba Lehututu ba re ba dumela gore madirelo ao a ditena, a ka abelwa bontlhanyana mo kabong ya madi a ditlhabololo tsa kgaolo (Constituency Fund). Ba re ba dumela gore Khansele potlana ya Hukuntsi e tseela gore madirelo a ditena ke a banni ba Lehututu fela, le ntswa e le a kgaolo ya Kgalagadi Bokone ka bophara.

Baagi ba lopile khansele gore e abele Lehututu madi aa kanang ka P231 000 mo go P10 million, fa bangwe ba kgwetse botlhoko mokhanselara wa Lehututu, Judith Matebu o paletswe ke go builela motse wa gagwe.