Naledi

Dipitse di foloditse

Dipitse di thulane le Mauritania
 
Dipitse di thulane le Mauritania

Modumo o o neng o utlwala mannong a lebala a barati le balatedi ba Dipitse o ne wa re tuu, fa basimane ba Mauritania ba nosa nno ya bone ya phenyo. Ka nako e ne e setse tsamaile thata, Batswana ba bona fa jaanong Dipitse, tse di neng di ntse di solofetsa, di foloditse.

Motshameko o, le fa o ne o sa tlole ditlhase go le kalo, o ne o lebega o le ka fa letlhakoreng la Dipitse ka di ne di ragaraga botoka.

Fela ka lesego e se letsoku, le sa itlolwe, dibolo tsa ditlhako tsa tsone tsa nna tsa feta dipale fa thoko le kwa godimo.

Tatlhegelo ya Dipitse, bogolo jang mo ga tsone, e ne ya dira gore bontsi jwa Batswana ba tlelwe ke go itlhoboga, ka ba ne ba tsena mo mafaratlhatlheng a ditlhaeletsanyo le dipuisano go nganga thata ka motshameko.

Bangwe ba ne ba bolela gore go setse go le sebaka Dipitse di sa ntshe maduo ape fela a a itumedisang.

Ba bolela fa ba sa itumedisiwe ke go bona lekgotla le le tsamaisang merero ya motshameko wa kgwele ya dinao, la Botswana Football Association (BFA), le sa neele Dipitse sebaka se se lekanyeng sa go ikatisetsa metshameko ya mofuta o.

Batswana ba ngongorega ka gore go lebega BFA e se na sepe le gore setlhopha sa Dipitse se dira jang; ba tlhobosa ka gore fa Dipitse tse di sa fiwe sebaka se se lekanyeng go ipaakanya, ga go na jaaka di ka fenya motshameko ope fela. Ba bua gore Dipitse ga di a tshwanelwa ke go fenngwa ke mafatshe a tshwana le Mauritania ka a se thata go le kalo.

Mogasi wa Seromamowa sa Botswana, Ontiretse Screamer Maidi, a re Batswana ba tshwanetse go tlhaloganya gore Dipitse di ntse di sa tshameke.

Ka go rialo, a re go botlhokwa thata gore mongwe le mongwe a di eme nokeng. A re, Dipitse di tshamekile sentle kgatlhanong le Mauritania, fela di tlhokile lesego la go fenya, maduo a a reng ga se a a ka dirang gore di kgalwe le gone go tlhobosiwa ke barati le balatedi.

Maidi a re o solofela fa Batswana ba tlaa tswelela ba ema Dipitse gammogo le mokatisi wa tsone, Peter Butler,  nokeng mo metshamekong e e tlang ka se se ka thusa gore maduo e nne a a itumedisang, e bile a isa Dipitse fa pele.

Dipitse di ne tsa latlhegelwa ka nno e le nngwe go lefela, fa pele ga diketekete tsa barati le balatedi ba tsone.