Naledi

Mogolokwane e lelela bakatisi ba mo gae

Fa e le mongwaga gone, go lebega ba dirile go tlala ka diatla jaaka ba thusitse ditlhopha tsa bone go bona maemo a a itumedisang mo diliking ka go farologana.

Bakatisi ba, ba itumedisitse Batswana thata ka ba bone le go itse fa ba tlhaloganya go katisa mo kgweleng ya dinao. Dikai e le mokatisi wa setlhopha sa liki e kgolwane ya BTC, Township Rollers, Mogomotsi Teenage Mpote yo o kgonneng go fenya liki ya ngwaga ya 2016/17.

O ne a dira jaana go kgadiepetsa bakatisi ba ba tumileng ba batswakwa ba eleng bone ba tlwaetseng go gapa bosimega jwa liki e ngwaga le ngwaga. Selo se jaanong le Batswana ba neng ba setse ba se tlwaetse.

Fa mokatisi Mpote a fenya liki e e thata jaana, bakatisi ba bangwe ba Batswana Raiser Tsatsilebe wa Black Forest, Itumeleng Tummie Duicker wa Gunners le Thaloba Nthaga wa Security Systems ba le bone ba neng ba rwele maikarabelo a bokatisi jwa ditlhopha tsa bone e le Batswana ba kgonne go supa sentle gore ke batho ba ka tsewa tsiya.

Tsatsilebe, o ne a lebanwe ke kgwetlho e e thata kwa Magoleng ka a ne a tshwanelwa ke go tlhomamisa fa e sa fologele kwa liking e e kwa tlase fa liki e ya bokhutlong. Selo se bontsi jwa ditlhopha go akaretse le mekaloba Township Rollers, Gaborone United, Mochudi Centre Chiefs le Extension Gunners di neng tsa hakgamala go bona bothata jwa lentswe fa di kopana le setlhopha se sa gagwe.

Kwa Gunners gone, erile fela mokatisi Daniel Chicco Nare a latlhela taule, ga bitswa Tummie Duicker go tla go kgweetsa mogobagoba, mme bontsi jwa seka jwa tshepa gore o ka dira sentle.

Gone ga bonala gore o ne a tla a ipaakanyeditse go thusa setlhopha se go dira sentle. Liki e ya bokhutlong jaana Gunners e dirile sentle ka e le mo maemong fela a a itumedisang bogolwane le balatedi ba sone.

Se sa bo se dirwa gape ke mokatisi wa Security Systems, Thaloba Machine Nthaga, yo le ene a supileng fa e le mongwe wa Batswana ba ba itseng motshameko wa kgwele ya dinao thata, bogolo jang kwa liking ya BTC e e thata.

O thusitse Systems go ingaparela thata mo lokong ya liki ya BTC le ntswa a ne a sena maina ape a batshameki a a ka kuelwang go le kalo.

Kwa liking ya ntlha ya setshaba le gone bakatisi ba Batswana jaaka Itumeleng Pio Paul wa Sharps Shooting Stars le Innocent Kotikoti Ranku wa Unioa Flamingo Santos le bone ba ne ba ntsha ga tshwene go tlhomamisa fa ba inola ditlhopha tse tsa bone mo liking e ya Debswana go di latlhela mo go ya BTC ya 2017/18.