Naledi

Maburu a kile a tlhasela - Kgaolo 4

Michael e ne e le motshabi mme o gorogile mo Botswana ka kgwedi ya Firikgong e le lesome le bobedi ka ngwaga wa 1982. O tsene sekolo sa mmadikolo dingwaga tse pedi fela kwa Aferika Borwa mo toropong ya Durban. O ne a itsege jaaka moithuti yo o maitseo, e se motho le tsa polotiki.

E ne ya re a santse a le kwa gae, a thapiwa ke ba sesole sa Aferika Borwa pele a tla mo Botswana.

Mme ka a ne a dumela mo kgololesegong ya batho, a seka a dira tiro ya sesole. Ke ka moo, Michael a neng a bidiwa ka leina la ‘moral resister’. Fa ba mo reta, bakaulengwe ba gagwe ba ne ba mmitsa ‘Mild Mike’.

Fa a le mo Botswana gone, Michael o ne tlhwaafalela dithuto tsa gagwe kwa Mmadikolo (University of Botswana).

A supa seo ka go nna mongwe wa baithuti ba ntlha go dira sentle mo dithutong tsa maranyane (science and Physics).

Mo potsolotsong le lengwe la makwalodikgang la beke le beke la Mmegi wa Dikgang ka nako eo, ka kgwedi ya Seetebosigo ngwaga wa 1985, Rraagwe Michael o boletse fa loso la ngwana wa gagwe le bakilwe ke ditlhaselo tsa masole a maburu. O ne a tlhalosetsa babega dikgang bao gore, fa a ne a kgona o ne a ka bosulusetsa loso lwa ngwana wa gagwe.

Motswa setlhabelo yo mongwe e ne e le Ahmed Mohammed de Geer, yo o tshotsweng ka Motsheganong a le lesome le botlhano ka ngwaga wa 1949. O ne a tlholega kwa Somalia.

O gorogile mo Botswana ka ngwaga wa 1984, kgwedi ya Moranang a le masome mabedi le boferabongwe. Gatwe ka nako eo, puso ya Somalia e ne e sa batle batho ba ba rutegileng thata mo lefatsheng la bone mme Ahmed a bona go le botoka go tla Botswana.

Ahmed e ne e se motho wa di polotiki, e bile a sa amege ka gope le sepolotiki sa Aferika Borwa.

O ne a rothegelwa ke madi a kgofa mme a bolawa ka nako ya ditlhaselo tsa maburu.

Mosadi wa gagwe o ne a bona dikgobalo tse di masisi ka go hulwa mo maotong, mme ya re morago ga malatsinyana a sena go bona thuso ya ba bongaka, a kgona go boela ga bone kwa lefatsheng la Netherlands, a tsamaya jalo a tletse letshogo.

Yo mongwe e ne e le Cecil George Phahle, e ne a tshotswe ka Motsheganong a le masome a mabedi le botlhano, ka ngwaga wa 1938, mme a tlholega kwa Aferika Borwa, kwa Johannesburg. George e ne le mogwebi, a rekisa dithoto go tswa Aferika Borwa kwa Soweto, pele ga a tla mo Botswana. Fa a tsena mo Botswana, a tsweledisa ka kgwebo magareng ga Gaborone le Lobatse.

George, fela jaaka batshabi ba bangwe, o ne a tshelela mo lebelong la titipote, ka a ne a itse fa maburu ba le mo patlong ya gagwe.

Pele ga a tlhokafala, George o ne a tlotlela mongwe wa ditsala tsa gagwe gore maburu ba mo leleditse, e bile ba mmoleletse fa ba itse a nna mo ntlong e tona e bile a rekile koloi e ntshwa.

A re, o ne a ba fetola ka gore, ee o a itse ka gore o ba bone fa ba tsaya ntlo le koloi ya gagwe dinepe.

George o ne a nna le mohumagadi wa gagwe, Lindiwe Maude Mazala Phahle, yo e ne a tshotsweng ka Ngwanaatsele a le lesome le botlhano ka ngwaga wa 1948.

Lindiwe o ne a tlholega kwa Aferika Borwa kwa Johannesburg.

Lindie, o tsile mo Botswana ka Morule a le lesome le boraro, ka ngwaga wa 1976 mme a feta a berekela goromente wa Botswana, mo lephateng la kabo ditsha le matlo, le gone jaana le bidiwang Lekgotla la Kabo Ditsha le Tsamaiso Merero ya Lefatshe, Metsi le Ditirelo tsa Kgopho Leswe.

Monnawe Lindiwe, Joseph Mazala o ne a etela kgaitsadie mono Gaborone mme fela jaaka batswasetlhabelo ba bangwe, a amega mo di tlhaselang malatsinyana fela a le maao a ole mme le ene a bolawa ke maburu.

O ne a tlhokafala jaana a ne a tsile go tsaya koloi mo go kgaitsadie.

Monnawe George, eleng Livi, yo aneng a nna le bone mo ntlong, o ne a kgona go iphalotsa ka go tsena ka fa tlase ga bolao.

E ne ya re morago a kgona tlhalosa ka fa mogolowe a tlhokafetseng ka teng, a re mogolowe le mogatse le monnawe mogatsa mogolowe eleng Joseph ba fudilwe ka ditlhobolo.

Morago ga ngwaga, ba masika a ga Phahle ba bona go le botlhokwa go tsaya masalela a koloi ya ga George. Ba e baya fa pele ga jarata ya bone.

Se e le go e dira ele segopotso sa bana ba bone ba ba tlhokafetseng mo tiragalong e e bosisi jalo.