Naledi

A re thusanyeng dintsho

Ke ka moo ga ntsi e reng fa go na le loso, ba lelwapa ba iphitlhele ba duba thankga e e seng kana ka sepe pele ga phitlho. Fela seemo se, se ka tokafadiwa ke fa re ka kopanela dintsho rotlhe

Thankga e ba e duba jaana ka tota maikaelelo a bone e le go tlhomamisa fa tiro yotlhe ya loso lwa wa ga bone e nna ya seemo se se rileng.

Mabaka e a bo e le gore ba se ka ba tloga ba tshegwa ke batho bangwe ba ba tsamayang ba kala malwapa a ba bangwe ka dintsho.

Ka tota mongwe le mongwe a itse bokete le botlhoko jwa loso, re batla go tsaya sebaka se go leboga bangwe ba ba bonang go le botoka thata go thusa ba ba tlhokafaletsweng, jaaka go utlwala fa monna mongwe, Nicodimus Ntso Motsamai, a dirile bosheng.

Re bona fa monana yo, a supa sentle gore o tlhaloganya botlhoko le bothata, kgotsa dikgwetlho, tsa go rulaganyetsa go boloka yo mongwe, bogolo jang fa baswelwa ba sa tshola go le kalo.

Re batla go tsaya sebaka go rotloetsa Motsamai le gone go mo phophotha legetla ka mowa o wa gagwe o montle, e bile o tletse kutlwelobotlhoko, bogolo jang ka re lemoga sentle gore, mowa ole wa bogologolo wa go thusanya, kgotsa go tshedisanya, ka nako ya dintsho o nyeletse.  Go bona mowa o, o tsosolosiwa ke monana, go ka lemotsha bontsi fa tota ka boammaaruri Motswana a opile kgomo lonaka fa a re ‘Fifing go tshwaranwa ka dikobo.’

Fa batho botlhe ba ka leka go tsenya mabogo mo dipateng go ntsha madi, kgotsa ba okomela masaka a bone go thusa ka kgomo, kgotsa podi, ka nako ya fa bangwe ba le mo selelong sa loso, re  tlhomamisa fa go ka se nne bothata bope bo bo ka imelang baswelwa.