Naledi

Lepotlapotla ke eng?

Re ne ra re, tiro e a e dirang ke e bangwe ba ka e hakgamalelang ka ga re a tlwaela go bona e dirwa ke basadi.  Gantsi fa re ntse re tsamaya mo, re bona banna e le bone ba e emetseng ka diano, ba e dira.Tiro e, ke eng? Ga twe mosadi yo o butse sekole sa go ruta batho go kgweetsa dikoloi. O ba bonye ba le kae basadi ba ba dirang tiro e?

Gongwe ba teng mme re dumela gore batho ba bantsi ga ba ise ba ke ba ba bone. Mogwebi yo wa Francistown ga twe a re o simolotse tiro e ka 1997 mme le gompieno o ntse o tshwere, o a e dira. Le fa e sa dire sepe se se kalo, go lebega gone mme e kgona go mo nosa metsi ka ke yoo o ntse o mo go yone.

Re ne ra bolela gore, pego e ya mogwebi yo o rutang batho go kgweetsa yo, e tla ka Dikgang (Daily News) ka fa tlase ga setlhogo se se reng, ‘Lepotlapotla le ja phokwana……’ Kgang ya rona ya maloba ya tswa gone fa. Pele re ne ra supa gore, setlhogo se, ke seane sa Setswana mme ga se a felela. Ra tswelela ra re, e rile go bona seane se, se sa felela, ngwana mongwe a bodiwa gore, ene o ne a ka se feleletsa a reng.

Kgang ya tswelela ya re, e rile go araba potso ele, ngwana a re, ka o itse dipodi di jewa ke phokoje, ene o ne a ka re, lepotlapotla le ja phokwana, phokoje o ja morobabanyana. Seo, e ne e le karabo ya gagwe ka fa ene a neng a akanya ka teng. Bangwe ba ne ba tshega thata go utlwa karabo eo, ka e ne e se yone. Ba bangwe bone ba itumelela gore, le fa ngwana a fositse, gone mme, o lekile, o akantse.  Go tshwanetse go nna jalo.  A e se re ngwana a sa dira sentle, a nyadiwa; a a akgolelwe gore golo gongwe o lekile, le fa gone a sa dira mo e leng gone. Se bue jalo Setswana se re , morogo wa ngwna ga o tlhophiwe ditlhokwa. Re ne ra wetsa kgang ya rnaloba re re, ke yoo ngwana o lekile. Jaanong potso ke eo, e leba wena gore, wena o ne o ka feleletsa seane sele jang, o reng?

Morago ga potso eo, ga re a ka ra amogela dipe dikarabo. 

A ke ka gore seane se, se thata thata, kgotsa ke ka lefe lebaka, ga re itse. Fela go ne ga tla karabo e le nngwefela fela. Tota e ne e se karabo, e le potso.  Yo o neng a bua o ne a re, ene ga a kgone go feleletsa seane ka gore ga a se itse. A tswelela a re, godimo ga moo, ga a itse gore lepotlapotla ke eng. A kopa gore a tlhalosediwe lefoko le,  a bo a felelediwe seane sele. Jalo he, kgang ya rona gompieno ke go tlhalosa lefoko ‘lepotlapotla’ le go feleletsa seane sele, jaaka go kopilwe.

Go tswela pele ra re, lefoko ‘lepotlapotla’ le tswa mo go ‘potlaka.’ Go potlaka ke go dira ka pela; go dira ka bofefo kana ka bonako. Ngwana o ka fiwa tiro nngwe go e dira mme ya re go bonwa e kete o dira ka bonya, ga twe a potlake. Go a bo go twe, a dire ka pela; a dire ka bofefo, ka bonako, a itlhaganele. Lefoko ‘lepotlapotla le tswa fa.’  Fa e tlhalosa lefoko le, Thanodi ya Setswna, ya re, ‘itlhaganelo e kgolo.’ Motho yo o dirang ka lepotlapotla, ke yo o dirang a itlhaganetse thata, mme go itlhagaela mo, go bo go ka nna ga senya, tiro ya felela e sa direga sentle. E, ke yone tlhaloso ya lefoko ‘lepotlapotla.’

Mme seane sone se felele se reng? Seane se felela se re, lepotlapotla le ja phokwana, bodikologe bo ja pholo e tona. Lefoko le lengwe ke leo, ga twe ‘bodikologe.’  O tlaa boa o botse gore, bodikologe ke eng. Bodikologe, ke tiro e e dirwang go iketlilwe, e dirwa ka kelotlhoko, motho a sa e felele pelo.

Jaanong, tlhaloso ya seane ke gore, tiro e e dirwang ka lobelo, motho a potlakile thata, a sa ele tlhoko gore o dira eng, jang, gantsi ga e ke e direga sentle, e felela dilo di senyegile. Se e nne yone phokwana e go tweng e jewa ke lepotlapotla.

Ka ntlha e nngwe, tiro e e dirwang go iketlilwe, go etswe tlhoko gore go dirwa eng, e felela e dirilwe sentle, e itumedisa. Ka fa seane se buang ka teng, se e nne yone pholo e tona, e e jewang ke bodikologe. O ne  a se loga jalo Setswana, Motswana.