Naledi

Tlhwaafaleng dikgwebo � Thamane

Fa a bua mafoko a thotloetso ka letsa la barutabana kwa Mochudi ka Labotlhano, Thamane a re gone le fa motho a na le tiro e a e berekang, go botlhokwa gore a nne le kgwebo e e ka mo thusang go oketsa letseno la kgwedi.

O ne a bolelela baratabana fa puso e tlhamile lekalana kgotsa lekgotla la CEDA ka maikaelelo a go thusa Batswana botlhe go tsena mo dikgwebong ka go farologana ga tsone.

A re Motswana mongwe le mongwe o letlelelwa go tsena mo kgwebong nngwe le nngwe e a e batlang, mme ebile e le e e ka kgonang go ntsha maduo a a itumedisang. 

A bolela fa a bona go le botlhokwa gore a rotloetse barutabana go tsena mo dikgwebong ka bontsi gore le bone ba kgone go tlhabolola itsholelo ya bone, gammogo le ya lefatshe la Botswana tota.

Mabapi le go tsena mo dikgwebong ga barutabana mo, Thamane o ile a bolela gore go botlhokwa thata gore ba tlhomamise fa dikgwebo tse ba tsenang mo go tsone di sena go kgopakgopetsana le tiro ya bone e ba e hiritsweng ke puso.

A bolela gore fa kgwebo e ka kgopekgopetsana le tiro, go tla a bo go sa siamela baithuti ka jaanong ba tloga ba sa rutwe sentle. A boa a bolela gore fa gongwe le yone kgwebo e tloga e sa tsamaye sentle ka jaanong mong wa yone a sa e tlhwaafalela.

Fa a bua ka lekgotla la CEDA, mogolwane Thamane o ile a tlhalosetsa barutabana fa le na le dithuso tse dintsi thata mabapi le dikgwebo. A itsise fa moikopedi a tshwanetse a kopana le badiri ba lone go kopa thuso nngwe le nngwe e a e tlhokang.

Thamane a re lekgotla la CEDA le rotloetsa go tlhama ditiro ka se se ka thusa fokotsa letlhoko la ditiro mo Batswaneng. A gatelela gore a botlhe ba ba kopang thuso kgotsa ba adima madi mo CEDA ba leke ka bojotlhe go dira ka natla gore maiteko a bone a seka a tloga a lelelwa ke dipoo.

Barutabana ba ne ba bolela fa ba itumelela le go amogela kgothatso ya ga Thamane, ba re ka ebile bone ba sa amogele madi ape fela a a botoka, go botlhokwa thata gore ba adime madi go simolola dikgwebo.