Naledi

Barutabana ba tlatsa Shashe ka Dikeledi

 

Erile fa ba bua le bagolwane ba puso le bahiri ba bone go akaretsa le Tona ya lephata la Thuto go tswa kwa Moding, Dr Unity Dow, bagolwane ba makgotla a barutabana le a badirelapuso ba bolela ka fa ba sa itumeleleng gotlhe mokgwa o ba tsewang ka one.

Jaaka go ne go solofetswe gore ntwa e tla a nna ya masetla dibete, bogolo jang fa gare lekgotla la barutabana le puso, se ke sone se se ileng sa dirafala. Mookamela lekgotla la barutabana(BTU) Johannes Tshukudu o ne a seka a eletsa ka gope go swabisa barutabana mo letsatsing leo

Mo mafokong a gagwe o ile a bolela fa gotlhelele puso le mohiri, ba sa tseye gotlhelele tsiya barutabana, a bolela gore santlha fela se se ba tshololang metsi matlhong ke dituelo tse di kwa tlase fa di tshwantshanngwa le tsa badirelapuso ba bangwe.

Le fa barutabana ba ntse ba lela ka dituelo tse di kwa tlase dingwaga di le dintsi jaana, Tshukudu o boletse fa ba ntse ba itshokile fela ba dira tiro e ba e hiretsweng. Fela gone go sena ope yo o kgathalang ka bone, se a reng se ba fetotse dikhutsanyana di se nang batsadi ba ba pelotlhomogi.

O ne tswelela a bolela fa barutabana ba sokola thata ka boroko, a re se le sone se ba direla tiro bokete ka bangwe ba bone ba nna fela mo matlong a seemo fela se se tsamaelaneng le maemo a bone.

Se se utlwisang botlhoko gape, se Tshukudu a reng se letsa barutabana go gaisa sekwakwalala ke go tsoga kgakala thata le kwa ba berekelang teng. Sengwe fela se se ka dirang gore ba tsene thari kwa sekoleng , mme se se ame maduo a tiro ya bone, gammogo le baithuti.

Tshukudu o ne a gatelela gore a mohiri le puso ba tlhwaafalele go tlhabolola dikole,le gone go fokotsa letlhoko la boroko la barutabana.

Kgang e nngwe e neng ya opelwa legofi thata, kef a go buiwa ka dietsele tse puso e di abelang barutabana go ba lebogela tiro ya bone, gammogo le go ba kgothatsa go tswelela ba tshware ka natla.

Fa barutabana ba lela ka gore dietsele tse, ga di na mosola ope mo go bone,  ka di ka se ba beele dijo mko tafoleng, kgotsa di ka se ba thuse ka boroko jo ba sokolang ka jone.

Dikeledi tse dingwe tsa barutabana tse di ka tlatsang letamo la Gaborone, kgotsa noka ya Shashe ke tsa go sa tlhatlosiweng maemo mo tirong. Tshukudu o boletse gore barutabana ba nne fela mo maemong a le mangwe sebaka se se leele.

Fa ga lebega gore o opile matshwane mo nkong ka barutabana ba ne ba mo tshela ka megolokwane le melodi. Mafoko a a ne a bonala a sa tsaya Tautona Lt General Dr Seretse KhamaIan Khama sentle, ka erile a ema a bolela ka bogale gore puso e leka ka gotlhe go tlhabolola thuto le matshelo a barutabana.

A re mananeo a mantsi a a tlhametsweng se, mme ebile e le maikaelelo a puso go tlhabolola thuto go tswa ka moding.

Le fa a bua jaana barutabana ba bo ba sa amogele sepe, le go mo reetsa ba lesa, se sa supa gore barutabana ka Khama a tsamaya ngwaga e e tlang, ba tlhomamisitse fa ba mo neela mohago yo a tla a tsamaya ka one golo a go yang.