Naledi

E seng maponapona betsho!

E rile dibeke tse pedi tse di fetileng, mosadi mongwe a welwa ke seru se se maswe sa go tlogelwa a le sheleng, mo go ileng ga gwetlha basadi bangwe le makgotla a basadi go ema ka dinao go bolotsa ntwa kgatlhanong le mokgwa o.

Kemo kgatlhanong le mowa o o maswe wa banna go kgokgontsha basadi ka kapari ya bone, e tshwanetse go dirwa ke mongwe le mongwe, go akaretsa le bone banna tota.  Basadi le bone ba tshwanetse go supa sentle gore ga ba amogele gotlhelele go sotlakiwa ka mabaka a gore ga ba a apara sentle.

Re dumela gore basadi ba na le tshwanelo le boikgethelo jwa ka fa ba batlang go apara ka teng.

Re batla go dumela ka mowa o le mongwe fela gore, ka boammaaruri basadi ba tshwanetse go itumelela mokgwa  mongwe le mongwe wa kapari. Re batla go lemotsha banna gore, ga ba a tshwanela go tshwenya basadi ka kapari ya bone, mme e bile, fa ba bona o kare gongwe mosadi ga a a nna sentle, a ba se itseele molao mo diatleng ka go dira jalo ga bone e le go tswelela ba rotloetsa kgokgontsho ya basadi.

Re boa gape re tsaya sebaka se go lemotsha basadi gore, le fa tshwanelo ya kapari e le ya bone, ba gakologelwe gore, kapari ke setho, e leng seo le bone ba tshwanetseng go leka ka bojotlhe go apara ka mokgwa o o ba nayang tlotlo.

Ga re ka ke ra dumela gore basadi ba tsamaye fela mo ba sa apara gotlhelele. Se, e tlaa bo e le mokgwa fela o o ba nyenyafatsang, le go kgokgontsha banna ba le bone ba nang le tshwanelo ya go bona dilo tse di amogelesegang.

A tshwanelo ya basadi ya mokgwa wa go ikgethela kapari, e nne e e tlaa se keng e ba supe ka mokgwa ope o o tlaa belaetsang, kgotsa o ba diga seriti, le go ba tlhobosa.  Boammaaruri ke gore, ga go na motho ope yo o ka tlogelang marago fela kwa ntle, e le mosadi kgotsa monna, a re ke tshwanelo ya gagwe.

Nnyaa, se Batswana betsho e tlaa bo e le bosutlha fela jo bo maswe.