Blogs

Go tsenelela go raya eng?

Jaanong, a re re kgang ele ya dikgaisanyo tsa mabelo a dipitse kwa Kokotsha ke tshimo, mme re boela mo go yone, go sela makwakwa. Nako ele, re ne ra utlwa gore dikgaisanyo tse, ke tiro ya ngwaga le ngwaga. Godimo ga moo, ga twe di tshwarwa gabedi ka ngwaga; ngwaga o simologa, le fa gare ga ngwaga ka kgwedi ya Phukwi.

Mongwe o ka botsa gore, mme tota e le gore, dikgaisanyo tse, di gogela kae, kgotsa, maikaelelo a tsone ke eng.

Re ne ra utlwa gore, godimo ga go ijesa monate kana go itlosa bodutu, dikgaisanyo tse, di phutha barui ba dipitse go tla go ba ruta ka go tlhokomela pitse, mosola wa  yone, le gore e ka ba thusa jang go tokafatsa matshelo a bone.

Re dumalane gore, o ke mogopolo o montle ka jaana, malatsi ano, puso e gatelela gore, re se kgatlhwe fela ke gore re ruile, mme re leke go itlhatlosa ka tse re di ruileng.

E le pitse jaana, a re se e ruele fela go e palama re ya kwa le kwa. A e nne le tsela nngwe gape ya go re thusa go tokafatsa botshelo. Re ne ra utlwa gape gore, mogopolo o ne o setse o tladitswe ke modulasetilo wa Khansele ya Kgalagadi yo o neng a re, dikgaisanyo tse di ka nowa moro; a raya gore, di mosola di ka thusa go tokafatsa matshelo a Batswana. A supa fa di sa thuse baruapitse fela, mme gape, di leretse banana ditiro, di tlhatlosa dikgwebo tse di potlana, di bile di oka bojanala.

Tiro nngwe le nngwe e nna le beng ba yone, bangwe e le ba ba e dirang, ba tshwere ka diatla, bangwe e le ba ba e okametseng go bona gore dilo di tsamaya jang.

E re fa tiro e dirwa sentle, ba akgole, fa e sa tsamaye sentle, ba gakolole mme go baakanngwe. Jalo he, re ne ra utlwa fa dikgaisanyo tse tsa lebelo la dipitse, di le ka fa tlase ga lekgotla la Botswana Horse Race Association.

Ka fa tlase ga lekgotla le, go makgotla a mannye a dikgaolo ka go farologana. Ga twe kwa Kokotsha, dikgaisanyo tse di tsamaisiwa ke lekgotlana la Kokotsha Community Horse Race Association. Mme ga go felele foo. Ka ke lebelo la dipitse, go bolelwa fa tiro e, e tshologelwa ke barui ba dipitse go tswa mo mafelong a a farologanyeng a Botswana, mangwe a one e le Gantsi le Kweneng.

Re ne gape ra utlwa gore, ngwaga ono, fela jaaka gale, dikgaisanyo tse di ne tsa tsamaya sentle.

Sebe sa phiri ya nna fela gore, dipalo tsa dipitse tse di neng di solofetswe di ne tsa ngotlega. Ga twe go ne go solofetswe dipitse di ka tshwara masome a robabobedi le botlhano (85) mme ga bonala di le masome a supa le borataro fela (76). Le fa go ntse jalo, tiro ya tswelela. A ga ba rile, motshitshi go gama o mmotlana, o montsi o a diana?

 Tshimo re e robile maloba, mme morago makwakwa a tswa. A jaanong, re sele makwakwa ao. E rile Mmualebe (Mmegi January 26 2018) a bua ka dipalo tsa diptse tse di neng di solofetswe kwa Kokotsha a re;

‘Kgang ya re, go ne go solofetswe dipitse di ka tshwara masome a ferabobedi le botlhano (85) go tla go tsenelela dikgaisanyo tse……’

Tlhoma temana e matlho mme o tlaa bona lefoko ‘go tsenelela.’

E rile go bona lefoko le, bangwe ba tlhaeletsa Mmualebe ba re, a tota o bua sentle fa a re go tsenelela; a o dirisitse lefoko le e leng lone? Mmua a dumela gore, o tshwanetse a bo a reletse loleme. A re, ntswa lefoko leo le dirisiwa thata malatsi ano, ene ke mongwe wa ba ba iseng ba tlwaele go le dirisa. A re, e ka bo e rile boemong jwa ‘go tsenelela,’ a re, ‘go tsena.’ Jalo go ne go tlaa bo go siame. Jaanong potso ke gore, ‘go tsenelela’ go raya eng? Ke eng fa go re ‘go tsena,’ go siame, ‘go tsenelela’ gone, go sa siama?

Ka tlhomamo, go tsenelela, ke go tsena fa o sa tshwanelang, kgotsa fa o sa letlelelweng go ka bo o le teng.

A re re, go lenyalo la ga Nthepha. Ka letsatsi la lenyalo, batho ba tla ka ba laleditswe mme Tshetsana ene o itlela fela, ga a lalediwa ke ope.

Ka Setswana, Tshetsana o tsenelela/tseneletse lenyalo le. Fa a sa le tsenelela, o tlaa re o laleditswe ke mang? Sekai se sengwe ke sa botsetse. Re itse gore, ka Setswana, botsetse bo a ilelwa; bo na le beng, ga bo tsenwe ke mongwe le mongwe. Fa motho a ka tsena mo tlung ya motsetse a sa letlelelwa, ga twe, o tseneletse botsetse.

Go tsenelela gape go raya go tsena, o fitlhela tiro e setse e tsweletse. Fa re ya kerekeng, bangwe ba tlaa goroga ka nako, tirelo e simolole ba le teng. Ba bangwe ba tle morago ga nako, ba fitlhele tirelo e setse e tsweletse.

Bale ba ntlha, ba siame, ba tsenye ka nako. Ba ba morago ba, ra re, ba tseneletse tirelo ka ba fitlhela e setse e simologile. Moo ke gone go tsenelela. Jaanong, a re farologanye, ‘go tsena,’ le go tsenelela.’ motshwanes@yahoo.com