Naledi

Maburu a kile a tlhasela � KGAOLO 3

Dikantoro tsa lekgotla la batshabi mono Botswana tse di neng tsa tlhaselwa ke maburu.
 
Dikantoro tsa lekgotla la batshabi mono Botswana tse di neng tsa tlhaselwa ke maburu.

Morago ga matlhotlha pelo ao, lefatshe ka bophara le ne la gakgamadiwa ke go nna moriti o tsididi le go iphitlheng ka monwana ga boeteledipele jwa lefatshe la Aferika Borwa.

Wa ntlha go kgabola lebadi la ba masika le ditsala tsa baswi, e ne ya nna tona ya mafatshe a sele ka nako eo, Pik Botha, yo aneng a re, “Masole a rona a ne a sena ka fa a ka dirang ka teng fa e se go sireletsa Aferika Borwa le batho ba yone kgatlhanong le matshosetsi a a golelang pele a ditlhaselo tsa batshabi, ba ba dirang ditlhaselo bale ko Botswana,” mafoko a, a ga Botha, a gatisitswe mo pampiring ya dikgang ya The Star ka Seetebosigo a le lesome le bone ka ngwaga wa 1985.

Ramasole wa nako eo, General Constand Viljoen o ne a bolela fa ba ne ba ikaeletse go bolaya batshabi ba le lesome ba eleng ba lekalana la African National Congress (ANC) ba ba nnang mo Botswana.

Bangwe ba ne ba kgala goromente wa Botswana ba re o ne a itlhokomolosa di tiragalo tse di neng di dirwa ke batshabi mme seemo seo sa tsenya matshelo a Batswana mo boraing.

Naledi e kgonne go batlisisa matshelo a bangwe ba tswa setlhabelo mme ele Batswana jaaka;

1. Eugenia Kakale Kobolo, yo a tshotsweng ka Phatwe ale lesome le bongwe ka ngwaga wa 1964, o ne a tlholega kwa Tutume.

Eugenia o ne a nna le tsala ya gagwe, Gladys Kesupile yo ene a neng a tlholega kwa Tonota, mme a tshotswe ka 1964. Eugenia le Gladys bane ba nna mmogo ntlong ya kamore ele nngwe.

Kamore e nngwe ene e nna banna bale ba babedi ba batshabi, ba gotweng ba ne ba sa nnele koo ruri, ka bane ba tila matshosetsi a gore ba ka tshwarwa kana go bolawa ke maburu.

Gone ga nna le dikakanyetso tse di ntsi tsa gore maburu a ne a ikaeletse go tlhasela banna bao mme Eugenia le Gladys ba bolawa ke dibomo tsa maburu jaaka bane ba tlhasela ntlo ya banna bao le ya bone. Pego e tla tswelela beke e etlang, go nankola ba bangwe.