Naledi

Banna, iketleleng Basadi

Ga twe, mosetsana mongwe o ne a apolwa mosese (sekete) ke banna bangwe, mme ka fa teng ga fitlhelwa a sa ikatega. Se,  ga se selo se sentle. Mmele wa motho ke sephiri sa gagwe. Ga o a tshwanela go bonwa ke ope, o sele , fa e se fela ka mabaka mangwe, jaaka a bongaka. 

Le fa go ntse jalo, ga twe bangwe ba ba neng ba le foo ka nako ya tiragalo eo, ba ne ba phuthega go tla go bona. Ga se ka ga felela foo. Bangwe ba e tsaya ka maranyane a facebook, ba romelela ditsala tse le tsone di neng tsa nna tsa e fetisetsa pele.

Ngwana a anamisiwa le naga a sa ikatega. Bangwe ba nna ba kgatlhega; ga simololwa ga buiwa dilo tse dintsi ka ene. Fela se go lebegang e le nnete ga twe, mosetsana yoo, o ne a apere bokhutshwane; ya bo e le one molato.

Re tshwanetse go apara sentle, ga lebega. Mme ke mang yo o ka reng, go apara sentle go beetswe molao; ke ofe, o fa kae? A go apara ga go tswe fela mo go reng, wena yo o aparang, o bona ka nako eo, se se go tshwanetseng e le eng, se go ema jang?

A go na le mongwe yo o nang le thata ya gore, e re o tswa ka kgoro ya lelwapa la gago, a go atlholele gore ga o a apara sentle, fa e le gore ka tsela nngwe, go ka twe ga o a apara sentle? Mono Botswana ga a yo, ga go ope o filweng thata eo.

Tiragalo e, e tla jaana go setse go na le selelo se sentsi sa gore banna ba tshwenya/kgokgontsha basadi. Se, ke nnete. Gangwe le gape re utlwa dipego tsa gore mosadi mongwe o bolailwe, go twe o ne a ratwa thata, mongwe o phamoletswe sepache, yo mongwe mogala, yo mongwe a itewa mo go botlhoko.

Tse tsotlhe di  dirwa ke banna. Basadi bone ga re ke re utlwa go twe ba dirile banna sepe. Jaanong banna, iketleleng basadi. Lefatshe leno ke la rona rotlhe. Re tshwanetse go le gata ka go tshwana, ka go lekana, go se ope o tshabang gore, o ka apolwa motshegare, tsatsi le penne, a sala a sa ikatega.