Naledi

Wena o ne o ka feleletsa jang?

Ba bangwe ba leke, mme e re e kete go tlaa nna thata, mogopolo o mo latlhe, o re go padile, mme a itlhoboge. E re ka go nna fela, ba sa leke go itirela sepe, botshelo bo nne thata mme bangwe ba felele ba itlhoboga. Se, go lebega se ne sa se ka sa direga ka mogwebi mongwe kwa Francistown.

Mogwebi yo, go bolelwa fa e le mosadi mme o tlholega kwa Mahalapye. Ga twe e rile go leka botshelo, mosadi yo a bula sekole sa go ithuta go kgweetsa; ke gore, o ruta batho go kgweetsa dikoloi. E, ke tiro e bangwe ba ka hakgamalelang go utlwa go twe e dirwa ke mosadi, ba tsaya gore ga se tiro ya sesadi, ke ya banna fela. Mogwebi yo,  ene ke yoo, o a e dira e ntse e le mosadi, e bile go bonala a e tlhagafaletse. A se, ga se gone go supa gore, metlhala ya khumo  mentsi, le gore, maano a botshelo ga a site?

Go bolelwa fa mogwebi yo a re o simolotse kgwebo e, ka ngwaga wa 1997 mme le jaana o ntse o tsweletse o a e dira. Mme se, ga se reye gore sengwe le sengwe se relela fela, ga go na dipe disana kgotsa epe mesetlho mo tseleng e a e tsamayang. Nnyaa, dikgwetlho di ntse di teng; mme ka fa go bolelwang ka teng, mosadi yo, ga a fele pelo, ga a ineele.

 Ga twe a re, nako nngwe go a tle go omelele, go se ke go tle bape baithuti kwa go ene, mme ka jalo, le madi a se ke a kgone go a bona. O ka a bona kae go se ope yo a fetang ka ene a re o batla go ithuta go kgweetsa. Go nne thata. Fela a se ke a itlhoboge; a nne a itshoke, a lekele pele.  A ga go a twe malatsi ga a tle ka go tshwana, gape, a ratisa go ja otlhe? O a bo a solofetse gore, ka lengwe letsatsi, sengwe o tlaa se bona, mme a itatswe dinala.

 Re tlaa dumalana le mogwebi yo gore, a e se re o bona e kete kgwebo e a reketla, wa e phuaganya, wa tlogela, wa re go padile. Ga go a nna jalo. Botshelo ga se tsela tshweu ka nako tsotlhe. Nako nngwe go a fifala mme go re, o eme, o ititeye sehuba gore, o tlaa tswelela pele. Sekai ke gore, e ka re fa o ntse o tsamaya, wa kgopiwa mme mpheetshane a kgaoga. A o tlaa feta, o mo tlogele foo?  Ga o ka ke.

O a ema, o loge leano la go mo gokela gape mme o tloge o tswelele le mosepele o bo o ye go goroga kwa o go yang. E re o tsena koo, o itumelele gore mosepele o wetse, o bo o lebale tsotlhe tse di kwa morago. Se, go kaega e le sone se se buiwang ke mogwebi yole wa Francistown; gore, le fa go le thata, a bagwebi ba se ineele, ba se itlhoboge, mme ba nne ba lekele pele. Letsatsi lengwe, sengwe ba tlaa se roba.

Polelo e re buang ka yone gompieno e begwa ke Dikgang (Daily News, Motsheganong 22 2017) ka fa tlase ga setlhogo se se reng, ‘Lepotlapotla le ja phokwana…..’

Bangwe re tlaa lemoga gore, setlhogo se, k e seane sa Setswana mme ga se a felela; mafoko mangwe mo go sone ga a yo. E rile go bona se ntse jalo, se sa felela, ngwana mongwe a bodiwa gore, ene o ne a ka se feleletsa a reng, kgotsa jang. Ngwana a ema tlhogo, a se ka a itse gore o ka araba jang. A tsaya nakwana a akanya. Fa a setse a araba a re, ene o itse phokwana e le podi e tonanyana, mme e sa ntse e le nnye; e ise e gole.

A tswelela a re, godimo ga moo, o itse dipodi di jewa ke phokoje, e seng ke lepotlapotla. A re, jaanong ene fa a ne a feleletsa seane se, o ne a ka re, lepotlapotla le ja phokwana, phokoje o ja morobanyana. Go utlwa karabo e, batho ba tshega mme fela bangwe bone ba itumela, ba mo akgola, ba re, le fa karabo e se yone, gone o lekile, o akantse. Ngwana ke yoo o lekile, jaanong potso e leba wena. Fa go ne go ka twe  o feleletse seane se, wena o ne o tlaa feleletsa jang; o reng?