Blogs

A go buiwa jalo?

Le fa go ntse jalo, re bona e kete ke mafoko a ka buiwa ke Tautona Khama ka jaana malatsi a gagwe a go tlogela tiro, kgotsa, go di latlhela teu, jaaka re kile ra bua, a gaufi.

Mme jaaka re itse, re bile re bona, ke yoo o ntse o raletse Botswana, o sadisa Batswana sentle.

Metse e mentsi o setse a fetile ka yone, mongwe wa metse eo, e le Palapye.

Re utlwa gore, fela jaaka go ntse go direga mo mafelong a mangwe, le kwa Palapye ga nna jalo.

Ga twe, e rile a goroga kwa kgotleng Tshetlha, jaaka bangwe ba bitsa Tautona, kwa morafe o neng o phuthaganetse teng go mo gorosa, ya nna boitumelo jo bogolo.

Go bolelwa fa go ne go le basadi ba apere mateisi le dikojwana tse ditshweu. Ga twe ya re go mmona, ba itaya megolokwane. Mme ya se ka ya nna basadi fela, nnagolo le yone ya iteka, ya itshelela kgama metsi ka go mmitsa mainaina.

Tota ya ne e kete go a gaisanngwa. Ga twe mongwe a re, go tla mmoloki, mme yo mongwe a gana a re, ga se mmoloki ke mofenyi. Ba bangwe fale le bone ba tla ka la bone, ba re, ke montsamaisa bosigo.  Go ya ka pego, maina a otlhe a bo a bidiwa go itumelela ditiro tse dintle tse Tautona a bolelwang a di dirile.

Mme bogolo thata ga bo go itumelelwa lenaneo la gagwe la go agela batlhoki matlo (Presidential Housing Appeal). Re utlwa fa mongwe a ne a bolela gore, o ne a nna sego ka o agetswe ntlo ka lenaneo le, e bile o tshuba ka lokotswana.

Re dumela gore, go tshuba ka lokotswana, o ne a raya motlakase ka o tla ya fela fa tlase ga lone, a tobetse, mme fa o le teng, go bo go setse gore ‘peke/phatsi,’ mme lesedi le tlale ntlo. Ga twe a re, le metsi o a aga a ntse ka marago, a raya gore, o a a ga gaufi; gape a re, le ntlwana ga a e latele gope kgakala.

Dilo tse, ba di itumelela ka go a bonala ba ne ba ntse ba se na natso, mme tsa tla ka Tautona Khama.

Ga twe fa go ntse go tsweletse, yo mongwe a re, ngwana yo wa ga Khama, o bolokile setshaba sotlhe; a kaya fa digole, difofu le batlhoki, botlhe ba na le ditshwanelo.

Fa ka boammaaruri batho ba botlhe, ba ne ba ntse ba se na dilo tse, mme Tautona a ba tlela ka tsone, a ba ne ba sa tshwanela go di itumelela? Ga re itse, gongwe bangwe ba ka e bona ka go sele, mme bao, bone ke bao, ba itumetse ba bo ba mmitsa mainaina, e se a go sotla, e le a go mo akgola.

Ba felele ba re, ke ene Tshetlha ya dikgwa ya ga Mmangwato. Re boa re utlwa gape gore, e rile ba ntse ba mo tsatsanka jalo, mongwe a re;

 ‘…..ke morwa Khama ka sebelebele, kotla masiela kotla dirojane, le rona bo esengmang re setse re tshwana le batho….’  Dikgang (Daily News/Tlhakole 12 2018)

Mafoko a, ga twe a ne a buiwa ke mongwe wa ba ba reng ba agetswe matlo ka lenaneo la ga Tautona. Motho yo fa a tswelela a re, ga e sa tlhole e re ba bona pula e tla, ba bo ba besa mhalatsamaru go e itsa go na.

 Motswana o tlaa re, ga ba sa tlhole ba tshwana le sebote.

Ga twe nonyane e, ga e ke e aga. Fa e bona pula e tla, e a lela, ‘Pula e, e ya kae e? Pula e ka a sa nka aga.’ Go rialo e koba pula. Bale bone ba ne  ba e koba ka mhalatsamaru, e seng ka go lela jaaka sebote. Ela mafoko a a fa godimo ale tlhoko mme mo go one, o tlaa bona lefoko ‘esengmang.’ Motho yo a neng a bua, a re, le bone bo esengmang jaanong ba tshwana le batho.

Motho yo, o gopotse nako ele fa ba ne ba se na matlo.

O raya gore, nako eo, ba ne ba lebelwa tlase, ba sa bonwe e le batho. Morago ba agelwa mme botshelo jwa fetoga. Jaanong ba ipona e le batho. Ba ba neng ba ntse ba ba nyatsa le bone ba ba bona e le batho.

Kgang ya rona gompieno e botsa gore, a mme motho yo ka tsela nngwe, batho bangwe ba  mo nyatsang, ba mmona e se motho wa sepe, o bidiwa jalo go twe, ‘esengmang?’ E ne ya re go bona lefoko le, Mmua jaaka gale, a okomela Thanodi ya Setswana go bona gore, a lefoko le, le teng, le a tshela, le gore Thanodi e le tlhalosa jang. A le fitlhela le ntse fela jalo e le, ‘esengmang,’ mme le tlhalosiwa go twe, ‘motho yo o seng wa sepe ka seemo kgotsa ka selekanyo sengwe.’

Mmua o dumalana  le tlhaloso e, mme ga a dumele gore lefoko leo lone le tlhamaletse. Ene o itse gore, motho wa go nna jalo, o bidiwa ‘esemang,’ e seng, ‘esengmang.’

Bangwe ba a neng a ba botsa le bone ba dumalana nae gore, motho yoo, o bidiwa ‘esemang,’ Jaanong, Dikgang (Daily News) le Thanodi bone ke bao ba re ke ‘esengmang.’

A re utlwe gore wena ka koo wa reng?’ A motho yoo, o bidiwa jalo, go twe, ‘esengmang? motshwanes@yahoo.com