Blogs

Legoelela ke eng?

Ngwaga ono, jaaka re bonye, pula e ne ya ganana. Motswana a lelala a bo a lapa molala, ya se ka ya na. Bangwe ba tlaa re, ya kalela. Le fa go ntse jalo, mo mafelong mangwe ya utlwalelwa fa e ntse e gaola, mme tota e se ya go lema jaaka batho ba ne ba eleditse, e le e e senyang. E tsene, e rutlolole matlo, mangwe e a dige.

Go utlwala fa motse mongwe o o neng wa bona tiragalo ya go nna jalo, e le wa Struizendam kwa Kgalagadi Borwa. Ka fa go begwang ka teng, pula e ne ya feta ka motse o, kgwedi ya Hirikgong e le masome mabedi le bobedi. Go bolelwa fa pula e, e ne ya tla ka phefo e e bogale, e bile e na ka sefako, mme ya senya fela thata kwa sekoleng le kwa motseng. Ga twe kwa sekoleng, e ne ya rutlolola matlo mangwe a borutelo,  ya ba ya diga le matlhabaphefo, a bangwe ba reng ke diokomela bagwe. Kwa motseng le gone fela jalo ya rutlolola leobo la kgotla le matlo a batho bangwe.

Le fa ntswa e ne e sentse jalo, ya se ka ya kgoreletsa bana go ithuta. Go a bonala matlo mangwe a borutelo a sala a ntse a itshetletse mme dithuto tsa tswelela fela jaaka gale. Go utlwala gore, batho le bone ba falola, ga se ka ga nna le bape ba ba wetsweng ke matlo kgotsa ka tsela nngwe ba golafetse. Morutabana a le mongwefela fela, ke ene a neng a tshelegelwa ke madi a kgofa, ka ga twe, o ne a segwa ke digalase mo leotong mme e se mo go kalo.

Fela gone ya bo e sentse, bangwe e ba buseditse kwa morago.  Go ya ka pego, botlhoko jwa yone (pula) ya nna gore, bontsi jwa batho ba Stuizendam, ba a itlhaela, ba kobo dikhutshwane, ba tlhokomelwa ke khansele. Godimo ga moo, Struizendam ke motse o o kgakala le ditlamelo. Mo go raya gore, le fa batho ba ba senyeditweng ke pula e, ba ka leka go ikagela gape, go tlaa nna thata, ka ga ba na dithata tsa go itirela, e bile ba tlaa bo ba latela dilo tse di agang kgakala. Ka lone lebaka le, tiro le mosepele oo, di ba imele.

Ke eo pula ya tsena ka Struizendam ya senya, bangwe ya ba tlogela go se le fa ba latsang tlhogo teng. Mme ya re le fa batho bao ba ne ba lela, selelo seo, sa nna le yo o se kgaotsang. Ga twe molaodi wa kgaolo a re, ofisi ya gagwe e ne ya akofela go thusa ba ba wetsweng ke seru seo ka ditenente, fa khansele yone e ne ya thusa ka dijo lobaka lwa kgwedi tse tharo. O, ya nna mogopolo o montle, o o tlatsang Setswana se se reng, fifing go tshwaranwa ka dikobo. Mo godimo ga go thusa ka ditente le dijo, ga twe molaodi o ne a re, e tlaa re go ise go ye kgakala,  khansele e akanye gore sekole sone se ka baakanngwa jang.

Pego ya pula ya Struizendam, re e tlelwa ke Dikgang (Daily News/Hirikgong 26 2018) ka fa tlase ga setlhogo se se reng, ‘Banni ba Struizendam ba setse mo logoelelng.’

Jaanong lefoko ke leo ga twe  ‘ legoeleleng.’  Potso  gompieno ke gore, lefoko  ‘legoelela’ le raya eng? Fa go twe batho ba setse mo legoeleleng, go rewa eng?

Karabo ke gore, legoelela ke fa go se nang sepe teng. Lefoko le gantsi le dirisiwa fa ka tsela nngwe, motho a senyegetswe kana a latlhegetswe ke se a ntseng a na le sone. Fela jaaka re bona kwa Struizendam, batho ke bao ba ne ba ntse ba na le matlo, ba na le fa ba latsang tlhogo teng. Letsatsi leo, pula ya tla, ya senya, ya rutlolola matlo. Batho ba sala fela go se gope fa ba ka latsang tlhogo teng, ba se na bonno.  Ka matlo a bone ke ao a ile le pula, ke sone se pego e reng, ba setse mo legoeleleng. Gone fa, mongwe o ka re, ba setse fela ba iphotlhere, ka matlo a bone a sentswe ke pula.

Re itse gore, Batswana ke balemi, ke barui. Nako nngwe e ka re motho a lemile, tsie ya tswa kwa e tswang teng, ya a ja tshimo ya gagwe, ya e feleletsa. Motho yo, e tlaa re a lela, a lelela dijwalo tsa gagwe, a re, o setse fela mo legoelelng; a raya gore, ga a sala ka sepe, mabele ale, a a neng a solofetse go dika a a jele, a jelwe ke tsie.  Morui le ene, e ka re nako nngwe, a jelwa ke dibatana mme ya re a latola loruo lwa gagwe a re, o setse fela mo legoeleleng, dikgomo tsa gagwe kana lofe loruo fela, lo jelwe ke dibatana. Fela jalo, motho mongwe le mongwe fa a senyegetswe ke gotlhe mo a neng a na nago, o ka go tlhobosa ka gore a re, ga go na sepe, o setse fela mo legoeleleng.

motshwanes@yahoo.com