Naledi

Maburu a kile a tlhasela � Kgaolo 2

Moswi Kgosikgolo Linchwe II
 
Moswi Kgosikgolo Linchwe II

Matilelo a, mangwe e ne ele a Batswana, mme morago a fetoge mafelo a matlhotlhapelo, ka maburu a ne a dira ditlhaselo kwa go o ne. Batshabi le Batswana bangwe ba ne ba amega, dipalo tsa dintsho tsa ngomola ba le bantsi dipelo. Mafatshe a le mantsi ba kgala ditlhaselo tse di dirilweng ke maburu.

Pele ga di tlhaselo tsa mo Botswana ka 1985, masole a Aferika Borwa a ne dira ditlhaselo kwa Maseru, Lesotho ka 1983. Ba bolaya batho bale masome a mane (40), mme ga tloga ga nna le matshosetsi a gore lefatshe leno le ka nna la tlhaselwa. Bangwe ba ne ba seka ba tsaya tsia matshosetsi ao, ka e bile monna mongwe a ne a re, “Botswana ke mmamoratwa wa lefatshe ka bophara. Ga ke bone fa maAferika Borwa ba ka tlhasela lefatshe leo”.

Aferika Borwa a dira fela jalo, a itlhokomolosa dikgalo tsa lefatshe mme a dira tlhaselo dile tharo mo Gaborone. Tlhaselo ya bomo ntlha e ne ya diragala ka Tlhakole a le 13, kwa Ginger. Pele ga tlhaselo eo, motshabi mongwe wa leina la Nat Serachi o ne a bolela fa a ne a lemoga dikoloi tsa dinomoro tsa Aferika Borwa dile mmalwa mo Gaborone, mme a seka a belaele sepe. A re jaaka motshabi, o ne a seka a kgoba kgetsi mme a fudusa mosadi wa gagwe le bana go ya go nna le ditsala tsa gagwe golo gongwe.

Serachi o boletse fa e ne yare fa maburu ba goroga kwa ga gagwe, a ba lemoga ba le sekgalanyana mme a thoba ka lebati la kwa morago, ya bo ele jaaka a ne tila leso.

Ka Motsheganong a le 14, nako ele lesome mo mosong, e ntse ele ka ngwaga wa 1985, Nathan Moagi Moeketsi o ne a tlhokafala ka tsela e e neng ya tlogela batho ba le bantsi ba gamaregile maikutlo. Go ya ka pego ya Daily News ya monogae, e ne ya bolela fa Moeketsi a ne a kgaogane di tokitoki, morago ga go thunyediwa ke bomo mo koloing ya gagwe. Moeketsi o ne a le dingwaga di masome a mabed i le bobedi (29), a ne a satswa go nyala motshabi yo mongwe dikgwedi dile thataro pele ga loso la gagwe.

Ka nako ya loso la ga Moeketsi, o ne a satswa go laelana mosadi wa gagwe mo mosong, ele gore o ya go dira sengwe kwa mobolong wa Gaborone, mme ya bo ele la bofelo jaaka ba ne ba kgaogana.

Ka di 19 tsa Seetebosigo e ntse ele ka ngwaga wa 1985, dikoloi tsa modiro wa Datsun E20 tsa dikombi dile lesome le bobedi (12), le tsa di Ford Cortina dile borataro (6) di ne tsa kgabaganya molelwane golo gongwe gaufi le molelwane wa Tlokweng, mme tsa feta tsa dira ditiro tsa tsone mo Gaborone.

Pego ya pampiri ya Guardian ka nako eo, e ne ya bega fa ko dikoloi tseo dineng di kgabaganya teng, go ne gona le dikanono tse dineng di emetse go re fa di kolotshana tseo di boa, e bo di ka bolotsa ditlhaselo, e seng goka masole a Botswana a ka di sala morago.

Guardian e tsweletse ya bolela fa e rile dikolotshana tseo, di Datsun E20 le di Ford Cortina di ne tsa kgaogana kwa madikologong (circle) a tsela ya Tlokweng ka nako eo, mme ya re go ne foo, tsa kgaoganya, nngwe le nngwe e ya go dira ditlhaselo tsa tsone.

Lokwalodikgang la Guardian, le tsweletse la supa moalo (map) wa Gaborone, o oneng o supa mafelo le batho ba maburu baneng ba ba batla patla le jase.

Moalo o ne o supa gore;

Kgato ya ntlha (1) - Fa morago ga bonno jwa Tuli Court-Nkulu Motsweni o sule fa Elena Motswei a golafetse le Busiziwe wa dingwaga tse lesome (10).

Kgato ya ntlha le ya bobedi (2 & 3) – Tsholofelo le Tshweneng, ba golafetse fa George le Lindiwe Phatlhe ba sule.

Kgato ya bone (4) – Kwa Maruapula; Duke Machobane a sule, Peter ‘Pat Mofoka wa dingwaga tse thataro le ene a sule.

Kgato ya botlhano (5) – Kwa Extension 10, Michael Hamlyn, Ahmed Mohammed Gheer ba bolailwe fa Roeli Gheer a gobetse. Kgato ya borataro (6) – Kwa Bontleng; Ntlo e ripitlilwe, yone e maburu baneng ba ya kwa go yone morago ga go sa fitlhela Cedrick Ntloane Bapela le ba bangwe ba seo kwa plot 2325.

Kgato ya bosupa (7) – Kwa Village mo Gaborone, Kelapile Kesupile wa dingwaga tse lesome le borobabongwe (19) le Eugenia Kobole ba bolailwe.  Kgato ya borobabobedi (8) – Ofisi ya balwela kgololesego (Solidarity News Services) kwa Madirelo e thubakilwe. Kgato ya Borobabongwe le lesome (9 & 10) – Kwa Tlokweng, ntlo e hudilwe mme Thamsanqa Mnyele a bolailwe fa Moitse Botshelo le Prince ba golafetse.

Le fa go ne ga nna fela jalo, Tona ya tsa Mafatshe a sele wa Aferika Borwa Pik Botha o ne a nopolwa mo pampiring ya kwa Aferika Borwa ya The Star a re, “Masole a Aferika Borwa ba ne ba tlamega go sireletsa lefatshe leo le baagedi ba lone go fema seemo se seneng se bifela pele sa batshabi (terrorists), ka fa baneng ba ba bitsa ka teng) ba lefatshe la Botswana leneng le ba bipa ka teng”.