Naledi

Kgokgontsho ya basadi e a gola

Nngwe ya ditirafalo tse tsa go sotlaka basadi e ne ya dirafala kwa mapalamelong a dipalamo tsa setshaba ka Mosupologo mo toropokgolo Gaborone, sengwe se se kgadilweng thata ke bontsi jwa Batswana le makgotla a twatsho kgokgontsho ya bong.

Letsatsi la Mosupologo le tlhabile ka bontle fela jaaka gale, mme banna bangwe ba go lebegang ba na le mowa o o maswe wa go sotla basadi le go ba iletsa go akola kgololesego ya bone ya go apara, ba ne ba tlhasela mosadi ba mo apola le go mo kuelela fa gare ga batho. Fa banna ba ba dipelo di setlhogo ba ba dira jaana, bangwe gape ba ba tshwanang le bone ka go akanya ba bona go ba siametse go kapa mosadi yo ditshwantsho, mme ba di manega mo metsweding ya ditlhaeletsanyo jaaka Facebooko go bonwa ke mongwe le mongwe.

Tiragalo e ya kgokgontsho le tshotlako ya basadi ya Mosupologo, e dirafala jaana ka letsatsi la dithutopuisano tse din eng di tshwerwe ke ba lekgotla la twantsho kgokgontsho ya bong ya THD le la Men and Boys. Maikaelelo a tsone e le go tswelela ka go ruta le go gakolola batho, bogolo jang banna go lemoga botlhokwa jwa go fedisa kgokgontsho gotlhelele.

Mogolwane wa lekgotla la THD, ramasole wa pele wa sesole sa Botswana, Lt General Tebogo Masire a re kgokgontsho ke selo se se botlhoko thata, a re ga gona motho ope yo o ka itumelelang go kgokgontshiwa go sa kgathelesege gore key a mofuta ofe. A re bontsi jwa batho ba kgona go tshelela mo kgokgontshong le ntswa ba bona go sa tlhokafale, fa gongwe motho wa teng a re o mo loratong le motho fela yo o mo kgokgontshang botlhoko.

Masire o ne a bolela gore go botlhokwa thata Batswana ba rutwe thata ka kgokgontsho gore mongwe le mongwe yo e mo dirafalelang a itse nako kgotsa seemo se ise se nne maswe, a tlatsa ka gore basadi ba tshwanetse go itse gore ga gona jaaka ba ka nna mo maratong a a tletseng kgokgontsho.

Dibui ka go falogana di boletse fa tota boammaaruri bontsi jwa basadi ba rata thata go tshela ka dipelo tse di botlhoko ka ntlha ya kgokgontsho, ba re ka dinako dingwe mosadi o nna fela le monna a mo kgokgontsha fela ka gore ke ene raagwe bana ba gagwe.

Se ba reng se felela se dira gore mokgokgontshi a felele a aja tlwae ka a bona fa mosadi kgotsa mokapelo wa gagwe a sa itse ditshwanelo tsa gagwe mo tirisanyong ya bone.

Bangwe ba tsweletse ba tlhalosa gore, basadi bangwe fa ba kgokgontshitswe, ba kgona go begela mapodise ka se, mme go swabise thata go bona kwa morago basadi ba, ba boela kwa mapodiseng go tsholola dikgang, ka ba re ba feditse kgang ya bone kwa malwapeng.

Ka go sena dikgato dipe tsa semolao tse di tseelwang bakgokgontshi ba, ba tsweletse ba dire molato o gape, mo ka dinako dingwe basadi ba felelang ba golafetse kgotsa ba latlhegetswe ke botshelo le seriti.

Basadi ba tsweletse ka go bolela gore banna bangwe ba tsweletse ka go ba kgokgontsha ka ntlha ya kapari ya bone, ba re ga ba itumedisiwe ke go bona mokgwa o wa go ba apola mo phatlalatseng gotwe ga ba a apara sentle o ntse o golela pele mo banneng.

Ba afa sekai ka mosadi o o kileng a apolwa ke boradithekisi kwa Francistown, ka Mosupologo mo toropokgolo Gaborone, tirafalo fela e basadi ba reng ga e ba itumedise gotlhelele.