Naledi

Dino ga di fele

Kwa ntle ga bojalwa jo, go ne go ka tlhatlhelwa khadi, ga dirwa jwa morula, bangwe gape ba dira jwa legapu. Dilo tse tsotlhe di ne di bidiwa dino. Malatsi ano, lefoko ‘dino’ ga le utlwale thata mme boemong jwa lone, gantsi go dirisiwa lefoko ‘nnotagi.’

Ba ba bolelang ba re, nako ele, fa bojalwa e sa ntse e le jwa Setswana fela, go ne go nowa sentle, go se na ope molato. Ba re, bojalwa bo ne bo tsewa e le selo sa go intsha lenyora, selo sa maitiso le go itlosa bodutu. Ba re, nnyaa, le ngwana o ne o ka mo hupisa fela, go se na ope molato.

Bagolo ba ne ba a nwa ba etse tlhoko gore, ba nwa leng, ba nwa go le kae. Ba dire ditiro tsa bone mme e re di wela, ke go gone ba ye go nwa. Kgotsa ba ye go nwa mme ba tloge ba boele ditiro tseo.

Fa go ntse go ya, ga tla bojalwa jwa Sekgoa ka mehuta ya jone le maina a jone a mantsi. Godimo ga moo, ga tla e mengwe mehuta ya bojalwa e e itirelwang mo gae. Dilo tsa fetoga, ga iwa le meomelo ele e mesha. Bangwe ba ba neng ba ntse ba a nwa bojalwa jwa Setswana ba bo fetogela ba bolela fa bo se monate. Ga tlhwaafalwa ga nowa.

Jaanong malatsi ano go senyegile. Batho, bogolo jang banana, ba theotswe ke dino. Bojalwa ga bo sa tlhole bo tsewa e le selo sa maitiso jaaka pele. Gompieno bontsi bo bo fetotse sejo sa letsatsi. Bo tlholelwa nageng, bo lalelwa nageng, go sa nowe go tshelwa. Ka dino ke dino, bangwe di ba fenyetse, ba felele ba dira dilo fela tse di hakgamatsang, dingwe di hutsafatsa. Go lowe, dikoloi di sugakane, bangwe ba latlhegelwe ke botshelo; mo gongwe go betelelwe kana go thubediwe. Lebaka e le eng?

Lebaka e le gore, re nwa re iphetisa dino, re tsaya gore di a fela. Nnyaa, ba nole ba di tlogela; le rona re tlaa nwa re di tlogele. Jaanong, a re nwe sentle, re itekanye, re itse gore dino ga di fele.